Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

GEORGIA

Monna Wa me O ne A sa Kgone go e Baya fa Fatshe!

Marina Kopaliani

Monna Wa me O ne A sa Kgone go e Baya fa Fatshe!
  • O TSHOTSWE KA 1957

  • O KOLOBEDITSWE KA 1990

  • DINTLHA KA GA GAGWE Marina le monna wa gagwe e bong Badri e ne e le baboledi ba ba tlhagafetseng, gape ba godisa bana ba babedi. Badri o ne a direla mo Komiting ya Naga mme o tlhokafetse a ntse a ikanyega ka 2010.

KA 1989, nna le monna wa me re ne ra kopana le Basupi fa re etetse baagelani ba rona. Mokaulengwe Givi Barnadze, yo o neng a ithuta Baebele le moagelani wa rona, o ne a se na Baebele ka gonne ka nako eo go ne go se motlhofo go nna le Baebele mo Georgia.

Re ne re rata se re neng re se ithuta mme ra simolola go batla Baebele. Fa monna wa me a kopana le mogoloe o ne a mmolelela gore o batla Baebele. O ne a gakgamadiwa ke go utlwa mogoloe a mo raya a re o rekile thanolo ya sesheng ya Se-Georgia le gore a ka mo e naya e le mpho.

Fa Badri a tsena kwa gae, o ne a nna mo tafoleng a bo a simolola go bala Baebele go fitlha letsatsi le phirima. O ne a tswelela go fitlha le mo letsatsing le le latelang. Fa ke tswa tirong ke ne ka mo fitlhela a ntse a le mo tafoleng a bala Baebele. O ne a sa kgone go e baya fa fatshe! Ka jalo ke ne ka mo akantsha gore a kope malatsinyana kwa tirong gore a kgone go fetsa go e bala. Mme mo nakong e e sa fediseng pelo ke fa a setse a badile Baebele yotlhe.

Moragonyana fa re simolola go ithuta buka ya Boamarure jo bo Isang Botshelong jo Bosakhutleng le Mokaulengwe Barnadze, re ne re itumeletse go bo re na le Baebele. Le fa rona re ne re na le Baebele fela, morutisi wa rona ene o ne a na le buka ya Boamarure. Morago ga ngwaga, nna le Badri re ne ra kolobediwa.