Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

GEORGIA

Lorato ga lo Palelwa ke Sepe

Lorato ga lo Palelwa ke Sepe

PELE Sanel a tsholwa, dingaka di ile tsa bolelela batsadi ba gagwe gore o tlile go lwala thata. O ile a tlhoka go dira karo letsatsi la ntlha fela fa a sena go tsholwa. Batsadi ba gagwe ba ne ba nna kwa Abkhazia, kgaolo e e neng e sa laolwe ke Georgia, mme ba ne ba sa kgone go bona ngaka e e neng e tla ara Sanel e sa mo tshele madi.

Batsadi ba ga Sanel ba ile ba ikgolaganya le Komiti ya Puisano le Dikokelo (HLC). * Bakaulengwe ba HLC ba ile ba kgona go bona ngaka e e neng e tla ara Sanel e sa mo tshele madi mme ngaka eo e ne e le kwa Tbilisi, motsemoshate wa Georgia. Mme mmaagwe Sanel ga a ka a kgona go ya Tbilisi ka gonne o ne a ise a fole sentle fa a sena go tshola ngwana. Ka jalo, ba ne ba dira tshwetso ya gore bonkokoagwe Sanel, ba e leng Basupi ba ise Sanel kwa bookelong jo bo kwa Tbilisi.

Karo ya ga Sanel e ile ya tsamaya sentle. Moragonyana bonkokoagwe ba ne ba kwala jaana: “Re ntse malatsi a feta 20 mo bookelong. Fa re le koo, bakaulengwe le bokgaitsadi ba bantsi ba ne ba re etela e bile ba re thusa. Bontsi jwa bone ba ne ba re utlwela botlhoko. Re tlhola re bala ka tsela e bakaulengwe ba ratanang ka yone, mme jaanong re iponetse ka matlho a rona.”

^ ser. 4 Bagolwane ba kwa Georgia ba ba direlang mo komiting ya HLC ba buile le dingaka di feta 250 tse di ileng tsa dumela go ara di sa dirise madi.