Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

GEORGIA

Ke ne Ke Batla go Fetola Botshelo Jwa Me

Davit Samkharadze

Ke ne Ke Batla go Fetola Botshelo Jwa Me
  • O TSHOTSWE KA 1967

  • O KOLOBEDITSWE KA 1989

  • DINTLHA KA GA GAGWE E ne e le molebedi wa potologo. O ntse a ruta mo dikolong tsa Baebele fa e sa le ka 2013.

KA 1985, fa ke na le dingwaga di le 18, ke ne ka bilediwa bosole ke balaodi ba Soviet. Ke ne ke tshwenngwa ke go bona tshiamololo le batho ba kgokgontshiwa mo bosoleng mo ke neng ka ipolelela go re: ‘Ga ke batle go tshwana le bone le e seng.’ Le fa go ntse jalo, ke ne ke nna ke palelwa ke go itshwara sentle. Ke ne ke batla go fetola botshelo jwa me.

Ke ne ka boela gae fa ke sena go wetsa tirelo ya me ya bosole. Bosigo bongwe fa ke tswa phathing, ke ne ka kopa Modimo ka thapelo gore a nthuse go fetoga. Letsatsi le le latelang fa ke ya tirong, ke ne ka etela rakgadi yo e neng e le Mosupi wa ga Jehofa. Fa ke tsena mo ntlong, ke ne ka fitlhela setlhopha sa Basupi se tshwere pokano. Ba ne ba nkamogela ka lorato, ka jalo ke ne ka dula ka ba reetsa.

Ke ne ka simolola go ithuta Baebele, mme ka kolobediwa morago ga dikgwedi di le thataro. Jehofa o ne a nthusa go fetola botho jwa me, mme fa e ne e se ka ene nkabo ke paletswe mo botshelong.