Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

GEORGIA

Ke ne Ka Iponela Ka a Me Matlho!

Pepo Devidze

Ke ne Ka Iponela Ka a Me Matlho!
  • O TSHOTSWE KA 1976

  • O KOLOBEDITSWE KA 1993

  • DINTLHA KA GA GAGWE O godile a tsena Kereke ya Orthodox ya Georgia. Fa a sena go ithuta Baebele, o ne a direla kwa Bethele le monna wa gagwe. Gone jaanong ke babulatsela ba ba kgethegileng.

KE NE ke le kwa kholetšheng ya Kutaisi fa ke utlwa ka Basupi ba ga Jehofa lekgetlo la ntlha. Moagelani mongwe wa me o ne a mpolelela gore Basupi ga ba dirise ditshwantsho mo kobamelong ya bone e bile ga ba dumele gore Jesu ke Modimo Mothatayotlhe. Mme dilo tse ba di rutang di ne di farologane le tse ke neng ke di ithutile kwa kerekeng.

Ka 1992, fa ke boela gae kwa Tsageri, ke ne ka fitlhela go na le Basupi koo. Mmê o ne a ba bua bontle tota mme nna ke ne ke sa ba rate. Ka jalo, o ne a nthaya a re: Tsamaya o ye go ikutlwela gore ba reng.”

Go ne go na le bakaulengwe ba babedi ba babulatsela e bong, Pavle le Paata, ba ba neng ba tlhola ba etela lelapa lengwe mo motseng. Baagelani ba bantsi ba ne ba tlhola ba tla go ba reetsa le go ba botsa dipotso. Jaanong ke bo ke bona gore le nna ke ye go itseela ka tsebe. Nako le nako fa ke botsa potso, bakaulengwe ba ne ba mpontsha ditemana ba bo ba re ke di bale. Ke ne ke nna ke gakgamala fa ba dira jalo ka gonne ke ne ke kgona go bona ka a me matlho se Baebele e se buang!

Le nna ke ne ka nna karolo ya setlhopha se bakaulengwe bano ba neng ba ithuta Baebele le sone. Morago ga ngwaga, re ne ra kolobediwa re le 10. Moragonyana, mmê le ene o ne a kolobediwa.

Ke lebogela go bo bakaulengwe bao ba ile ba araba dipotso tsa me tsotlhe ka go nthaya ba re ke bale dikarabo mo Baebeleng. Go dira jalo go nthusitse go lemoga gore dilo tse ke neng ke di ithutile di ne di sa dumalane le Baebele. Le nna ke dirisa mokgwa oo fa ke ruta batho Baebele ka gonne ke bone botlhokwa jwa go dira jalo!