Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

GEORGIA

Ke ne Ke Ikutlwa ke Atlegile

Madona Kankia

Ke ne Ke Ikutlwa ke Atlegile
  • O TSHOTSWE KA 1962

  • O KOLOBEDITSWE KA 1990

  • DINTLHA KA GA GAGWE E kile ya nna leloko la Lekoko la Bakomonise kwa Georgia mme gone jaanong o thusitse batho ba le bantsi go ithuta boammaaruri. Ka 2015, o ne a aloga mo tlelaseng ya ntlha ya Sekolo sa Baboledi ba Bogosi kwa Tbilisi.

KA 1989, fa ke utlwa boammaaruri ke ne ke le leloko la Lekoko la Bakomonise kwa toropong e ke tsholetsweng kwa go yone ya Senaki e bile ke le Mopalamente. Gape ke ne ke beeleditswe ke lekawana lengwe, ka jalo ke ne ke ikutlwa ke atlegile mo botshelong.

Mmê le Rre ba ne ba nthutile go rata Modimo. Ke ka moo ke neng ke dumela mo Modimong le fa ke ne ke le Mokomonise. Fa ke simolola go ithuta Baebele, ke ne ka bona dikarabo tsotlhe tsa dipotso tsa me mme ka swetsa ka go ineela mo go Jehofa. Le fa go ntse jalo, ba lelapa, ditsala, badirimmogo le mokapelo wa me ba ne ba sa dumalane le tshwetso eo.

Tumelo ya me e ne e thulana le tiro ya me ya sepolotiki e bile e ne ya dira gore ba losika ba ntatlhelele diatla. Ke ne ka patelesega go fuduga mo lapeng, ka bona gore ke kgaogane le mokapelo wa me, ke tlogele tiro e bile ke tlogele go nna Mokomonise le Mopalamente. Fa ke sena go kolobediwa, kgatelelo ya ba masika le ditsala e ne ya oketsega. E re ka ke ne ke itsege thata, ke ne ka bona gore ke fudugele kwa toropong ya Kutaisi, mme ka simolola go nna mmulatsela.

Fa batho ba mpotsa gore ke ikutlwa jang ka mathata a ke ileng ka lebana le one ka ntlha ya tumelo ya me, ke ba bolelela kafa ke itumetseng ka teng le gore ga ke ikwatlhaele sepe! Le fa batsadi ba me ba ne ba sa tlhaloganye ditshwetso tse ke di dirileng, ke lebogela gore ba nthutile go rata Modimo le batho ka gonne seno se nthusitse mo botshelong.