Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

GEORGIA

Ke ne Ka Kopa Jehofa Gore a Nkaele

Tamazi Biblaia

Ke ne Ka Kopa Jehofa Gore a Nkaele
  • O TSHOTSWE KA 1954

  • O KOLOBEDITSWE KA 1982

  • DINTLHA KA GA GAGWE O ne a thusa go gatisa dikgatiso mo sephiring e bile e ne e le mongwe wa balebedi ba potologo ba ntlha kwa Georgia a na le bana ba le banê.

MMÊ o ne a galefile tota fa nna le mosadi wa me, Tsitso re nna Basupi ba ga Jehofa. Letsatsi lengwe o ne a bitsa ba masika gore ba leke go bua le rona gore re tlogele go tsamaya le Basupi. Ba ne ba re re tlhophe magareng ga go nna Basupi le go kgaogana le ba masika.

Ke ne ka swetsa ka gore ke fudugele kwa toropong e nngwe. E re ka ke ne ke bereka ka ditshipi, ke ne ka akanyetsa go ya kwa toropong e nngwe e kgolo ya Georgia, e e bidiwang Kutaisi gore ke kgone go bona tiro motlhofo. Gape ke ne ke itse gore go na le tlhokego e kgolo ya baboledi mo toropong eo, ka jalo ke ne ka kopa Jehofa gore a nkaele.

Moragonyana, ke ile ka kopana le motho yo ke neng ke ithuta Baebele le ene, yo o neng a nna kwa torotswaneng e e bidiwang Jvari. Fa a utlwa gore ke ne ke akanyetsa go fudugela kwa Kutaisi, o ne a nkopa gore ke fudugele kwa Jvari. O ne a re: “Re na le folete. Nna, mosadi wa me le bana re tla nna mo phaposing e le nngwe mme wena le mosadi wa gago lo ka nna mo go e nngwe.”

E re ka ke ne ke batla gore Jehofa a nkaele, ke ne ka mmolelela gore ke tla e akanyetsa fa fela nka bona tiro le ntlo ka bonako kwa Jvari. Se se gakgamatsang ke gore mo go jone bosigo joo, o ne a tla ka lenaane la ditiro tse nka kgonang go di dira.

Morago ga malatsinyana, nna le lelapa la me re ne ra fudugela kwa Jvari. Ke ne ka gakgamala fa ke fitlhela gore tiro eo e ne e duela madi a mantsi. Mothapi wa me o ne a nnaya ntlo e tona ya khampani. Moragonyana, ke ne ka kopiwa go thusa ka go gatisa dikgatiso tsa Baebele mo sephiring. E re ka re ne re na le ntlo e tona, nna le mosadi wa me re ne ra kgona go dira tiro eo.

Ntlo ya rona e ne e dirisediwa go tshwara Segopotso le ditiragalo tse dingwe tse di kgethegileng ka dingwaga di le dintsi. Batho ba feta 500 ba ne ba kolobediwa mo ntlong eo! Ke itumelela gore ke ile ka bona kaelo ya ga Jehofa le go e latela!