Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

GEORGIA

Lo Ntse lo le Kae?

Artur Gerekhelia

Lo Ntse lo le Kae?
  • O TSHOTSWE KA 1956

  • O KOLOBEDITSWE KA 1991

  • DINTLHA KA GA GAGWE Morago ga dikgwedi tse robedi a sena go kolobediwa o ne a tlogela ntlo le kgwebo ya gagwe gore a ye go direla kwa go nang le tlhokego ya baboledi teng.

FA KE sena go kolobediwa, bagolwane ba ne ba mpotsa gore a nka rata go ya go direla golo gongwe. Ka May 4, 1992, ke ne ka ya pokanong e e kgethegileng e e neng e rulaganyeditswe ba ba batlang go ya go direla kwa go nang le tlhokego ya baboledi gone. Letsatsi le le latelang, nna le mokaulengwe yo mongwe re ne ra fudugela kwa Batumi, kwa kgaolong ya Ajaria.

Lekgetlo la ntlha fa ke simolola go rera kwa Batumi, ke ne ke tshogile tota! Ke ne ka ipotsa gore ke ya go bua le batho jang. Ke ne ka gakgamadiwa ke tsela e mosadi mongwe a ileng a tsiboga ka yone fa ke kopana le ene, o ne a re: “Kante lo ntse lo le kae?” O ne a eletsa go itse mo go oketsegileng ka Basupi mo e leng gore re ne ra simolola go ithuta Baebele le ene letsatsi le le latelang!

Pele re fudugela kwa Batumi, re ne ra newa diaterese tsa batho ba ba batlang go ithuta Baebele. E re ka re ne re sa itse toropo eo sentle, re ne re tsamaya re botsa batho mo tseleng. Batho ba le bantsi ba ne ba sa kgone go re thusa ka gonne maina a diseterata a ne a sa tswa go fetolwa, mme gone ba ne ba kgatlhegela molaetsa wa rona. Mo nakong e e sa fediseng pelo re ne re setse re ithuta Babele le batho ba le 10 go ya go 15 ka nako e le nngwe.

Morago ga dikgwedi di le nnê, batho ba feta 40 ba ne ba tla dipokanong tsa rona ka metlha! Ka jalo re ne ra ipotsa go re, ‘Ke mang yo o tla tlhokomelang batho bano ba ba sa tswang go kopanela?’ Go ne ga tsoga dikgotlhang magareng ga masole a Georgia le batho ba kgaolo ya Abkhazia ba ba neng ba sa batle go nna karolo ya Georgia, mme seo se ne sa dira gore maloko otlhe a phuthego e ke neng ke le kwa go yone a fudugele kwa Batumi. Ka ntlha ya seo, go ne ga tlhomiwa phuthego e ntšha e e nang le bagolwane le babulatsela ba ba nang le maitemogelo!