Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

GEORGIA

Lorato Ga lo Ke lo Fela

Lorato Ga lo Ke lo Fela

Igor: Re ne re le mo setlhopheng sa Basupi ba ba neng ba le kwa toropong ya Tkvarcheli, kwa Abkhazia. Phuthego e setlhopha sa rona se neng se kopanela kwa go yone e ne e le dikilometara di ka nna 85 go tswa kwa toropong ya Jvari. Ke ne ke ya kwa Tkvarcheli kgwedi le kgwedi go ya go tsaya dikgatiso tsa setlhopha. Ka 1992, fa puso ya Soviet Union e sena go kgaogana, kgaolo e e neng e ikemetse ya Abkhazia e ne ya lwela go ipusa. Go ne ga runya ntwa magareng ga batho ba kgaolo eno le masole a Georgia, mme ntwa eo ya baka mathata a a seng kana ka sepe.

Gizo Narmania le Igor Ochigava

Bakaulengwe bano ba ne ba bereka mmogo go thusa Bakeresete ba bangwe ka nako ya ntwa kwa Abkhazia.

Gizo: Ke kolobeditswe ngwaga pele ga ntwa eo ke na le dingwaga di le 21. Fa ntwa e runya, bakaulengwe ke fa ba tsenwa ke letshogo e bile ba sa itse gore ba rere jang. Mme Igor, yo o neng a itse go tlhokomela letsomane la Modimo o ne a re kgothatsa jaana: “Batho ba tlhoka go gomodiwa. Selo fela se se tlileng go re thusa go nna re atamalane le Jehofa, ke go tswelela re rera.” Jaanong re ne ra tshwanelwa ke go nna kelotlhoko fa re bua le baagelani ba rona ka molaetsa o o gomotsang o o mo Lefokong la Modimo.

Igor: Ka ntlha ya ntwa eo, re ne re sa kgone go dirisa tsela e re neng re tlwaetse go tsamaya ka yone fa re ya go tsaya dikgatiso kwa Jvari. E re ka ke ne ke goletse mo kgaolong eo, ke ne ka kgona go bona tsela e nngwe e re ka e dirisang. Mme go ne go sa ntse go na le kotsi ya go kopana le banna ba ba tshwereng dibetsa kgotsa ya go gata bomo. Le fa go ntse jalo, ke ne ke sa batle gore bakaulengwe ba tlhagelwe ke kotsi, ka jalo ke ne ke tsamaya ke le nosi gangwe fela mo kgweding. Ka metlha Jehofa o ne a nthusa gore ke bone dikgatiso tse di neng di tla re thusa gore re nne re nonofile mo tumelong.

Le fa go ne go se na dintwa kwa Tkvarcheli, ditsela tsa toropo ya rona di ne tsa tswalwa mme ga simolola dinako tsa mathata. Fa mariga a tloga a simologa, dijo tsa rona di ne di tsamaela go fela, e bile re ne re ipotsa gore re tla tshela ka eng. Re ne re itumetse tota fa re utlwa gore bakaulengwe ba kwa Jvari ba dirile dithulaganyo tsa go re namola!

Gizo: Letsatsi lengwe, Igor o ne a botsa ba lelapa la gaetsho gore a go siame gore dijo tse di tswang kwa bakaulengweng di bewe mo lapeng la rona. O ne a batla go ya go tsaya dijo kwa Jvari. Re ne re tshwenyegile ka pabalesego ya gagwe, ka re ne re itse gore o tlile go kopana le magodu le banna ba ba tlhometseng.—Joh. 15:13.

Re ne re itumetse tota fa Igor a boa a siame morago ga malatsinyana, a tla a kgweetsa koloi e tletse ka dijo tse re tla di jang ka mariga! Ka dinako tseo tsa mathata re ne ra bona gore, ruri lorato ga lo ke fela.—1 Bakor. 13:8.