Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Babulatsela ba le kwa sekolong gaufi le kwa Zugdidi

GEORGIA | 1998-2006

Go Segofadiwa ‘ka Paka e e Dumelang le ka Paka ya Matshwenyego.’—2 Tim. 4:2.

Go Segofadiwa ‘ka Paka e e Dumelang le ka Paka ya Matshwenyego.’—2 Tim. 4:2.

GO SIMOLOGA ka dingwaga tsa bo1990 go ya pele, palo ya baboledi le ya batho ba ba ithutang Baebele kwa Georgia e ne ya oketsega thata. Ka 1998, batho ba ka nna 32 409 ba ne ba nna gone kwa Segopotsong sa loso lwa ga Jesu.

Le fa go ntse jalo, baboledi ba le bantsi, go akaretsa le bagolwane ba ne ba sa ntse ba le basha mo boammaaruring e bile ba se na maitemogelo a a kalo. Bontsi jwa bone ba ne ba tlhoka go thapisiwa mo dikarolong tse di farologaneng tsa tiro ya go rera le go rulaganya phuthego. Mme gone ba ne ba tla thapisiwa jang?

Phuthego ya ga Jehofa e ba Ema Nokeng

Ka March 1998, baalogi ba Sekolo sa Gileade se se neng se tshwaretswe kwa Jeremane e bong Arno le Sonja Tüngler, ba ne ba abelwa go ya kwa Georgia. Mo go one ngwaga oo, Setlhopha se se Laolang se ne sa dira tshwetso ya gore go nne le ofisi kwa Georgia e e neng e tla okamelwa ke lekala la Russia.

Mo nakong e e sa fediseng pelo, Komiti ya Naga e ne ya simolola go kaela tiro ya go rera. Fa tiro ya Basupi e sena go kwadisiwa semolao kwa Georgia, dikgatiso tsa Baebele di ne di romelwa go tswa kwa lekaleng la Jeremane. Go kwadisiwa semolao go ne ga dira gore Basupi ba kgone go reka ditsha tsa go aga Diholo Tsa Bogosi le dikago tsa makala.

Nako ya go Thapisiwa mo Bodireding

Baboledi ba le bantsi ba ne ba sa kgone go rera ka ntlo le ntlo ka tshosologo ka nako ya fa tiro ya go rera e thibetswe ke puso ya Soviet Union. Arno Tüngler a re: “Baboledi ba le bantsi ba ne ba rera mo mmileng, mme bontsi jwa bone ba ne ba sa tlwaela go tsamaya ka ntlo le ntlo le go boela kwa bathong ba ba batlang go ithuta Baebele.”

Arno le Sonja Tüngler

Davit Devidze yo o neng a simolola go direla kwa ofising ya naga e ntšha ka May 1999, o ne a re: “Tiro e ne e le ntsi kwa tshimong le kwa Bethele. Re ne re badile ka dilo dingwe mme re sa itse gore di dirwa jang. Ka jalo re ne ra tsaya malebela mo bakaulengweng ba ba nang le maitemogelo ba ba neng ba rometswe ke Setlhopha se se Laolang.”

Bakaulengwe ba kwa Georgia ba ne ba simolola go thapisiwa. Mme fela jaaka go tlwaelegile ka baboledi ba ba yang go direla kwa go nang le tlhokego gone, thapiso eo e ne ya feleletsa e ba thusa. (Dia. 27:17) Batho ba ba neng ba ile go thusa kwa Georgia ba ne ba ithuta dilo di le dintsi tota mo bakaulengweng le bokgaitsadi ba koo.

Bakaulengwe le Bokgaitsadi ba Georgia ba ba Bontsha Lorato

Arno le Sonja ba sa ntse ba gopola tsela e e lorato e ba neng ba amogelwa ka yone fa ba sena go goroga kwa Georgia. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ne ba dira sotlhe se ba ka se kgonang go ba thusa go tlwaelana le kabelo ya bone e ntšha.

Sonja o gakologelwa bopelotshweu jwa bone. A re: “Go ne go na le banyalani ba ba neng ba nna ba re tlisetsa dijo tse di monate. Kgaitsadi mongwe o ne a re isa tshimong, a re bontsha phuthego a bo a re bolelela ka setso sa Georgia. Kgaitsadi yo mongwe ene o ne a re ruta Se-Georgia ka bopelotelele.”

Warren le Leslie Shewfelt, ba ba neng ba romelwa kwa Georgia go tswa kwa Canada ka 1999, ba ne ba re: “Bakaulengwe le bokgaitsadi ba kwa Georgia ba ne ba re bontsha lorato lo lo seng kana ka sepe mme go ne ga re tlhotlheletsa gore le rona re etse sekao sa bone. Mongwe le mongwe, go akaretsa le bana ba ne ba bontshana lorato ba phuthologile.”

Bakaulengwe ba kwa Georgia ba ne ba direla le barongwa kwa ofising ya naga

Baboledi ba ba neng ba abetswe go ya go direla kwa Georgia go tswa kwa dinageng tse dingwe ba ne ba tlhoma mogopolo mo dinonofong tse di molemo tsa Ba-Georgia, go na le go o tlhoma mo mathateng a ba neng ba lebane le one. Mme seo se ne sa dira gore barongwa ba ratwe ke bakaulengwe ba bone ba Georgia.

Batho ba ba Ratang Modimo ba Amogela Boammaaruri

Mo dingwageng tsa bo1990, batho ba le bantsi ba ne ba amogela boammaaruri. Ka 1998, go ne ga kolobediwa batho ba le 1 724. Ke eng se se dirileng gore Ba-Georgia ba le bantsi jaana ba kgatlhegele boammaaruri?

Tamazi Biblaia, yo go fetileng lobaka e le molebedi wa potologo a re: “Ka setso sa Se-Georgia batho ba rutiwa gore ba rate Modimo. Ka jalo, fa re ba rerela, ba ne ba amogela Lefoko la Modimo ba sa sokodise.”

Davit Samkharadze, motlhatlheledi wa Sekolo sa Baboledi ba Bogosi a re: “Gantsi fa motho a simolola go ithuta Baebele, ba masika le baagelani ba leka go mo kgoreletsa. Fa ba ntse ba leka go mo kgoreletsa, ke bone ba ba feleletsang ba ithuta Baebele!”

Molaetsa wa Bogosi o ne wa anama mme wa fetola matshelo a batho ba le bantsi. Ka April 1999, batho ba le 36 669 ba ne ba le kwa Segopotsong.

“Go na Le Baganetsi ba le Bantsi”

Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana malebana le tiro ya gagwe ya go rera ya kwa Efeso: “Ke buletswe kgoro e kgolo e e isang kwa tirong, mme go na le baganetsi ba le bantsi.” (1 Bakor. 16:9) Mafoko a gagwe a bontsha seemo se Basupi ba ileng ba lebana le sone kwa Georgia dikgwedinyana morago ga Segopotso sa 1999.

Ka August 1999, maloko a setlhopha sa Kereke ya Orthodox, a a neng a eteletswe pele ke moruti yo o neng a ntshitswe mo maemong a gagwe e bong Vasili Mkalavishvili, a ne a tlhotlheletsa batho ba Tbilisi gore ba fise dikgatiso tsa rona. Seno se ne sa dira gore Basupi ba simolole go bogisiwa ka dingwaga di le nnê.

Go simolola ka 1999, Basupi ba ga Jehofa kwa Georgia ba ile ba tlhaselwa e bile dikgatiso tsa bone di ile tsa jewa ka molelo

Ka October 17, 1999, maloko mangwe a dikereke a ne a rulaganya segopa sa batho ba ka nna 200 gore ba ye go kgoreletsa pokano ya Phuthego ya Gldani kwa Tbilisi. Ba ile ba itaya batho ka dithobane le difapaano tse di dirilweng ka ditshipi mme Basupi ba le mmalwa ba ne ba feleletsa ba robaditswe kwa bookelong.

Se se utlwisang botlhoko ke gore batho bao ga ba a ka ba tshwarwa e bile Basupi ba ile ba tswelela ba bogisiwa. Badiredi ba le bantsi ba puso, go akaretsa le Moporesidente Shevardnadze, ba ile ba kgala ditlhaselo tseo mme ga di a ka tsa kgaotsa. Tota e bile, gantsi mapodise a ne a goroga morago ga lobaka lo loleele ditlhaselo tseno di sena go diragala.

Ka yone nako eo, mopalamente wa kwa Georgia e bong, Guram Sharadze o ne a simolola letsholo la go latofatsa Basupi a re ba kotsi. Go ne go lebega e kete “paka e e dumelang” ya go rera dikgang tse di molemo ke selo sa nako e e fetileng.

Phuthego ya ga Jehofa e Ikuela Kgatlhanong le Baganetsi

Phuthego ya ga Jehofa e ne ya nna bonako go thusa Basupi ba kwa Georgia. Bakaulengwe ba ile ba bolelelwa gore ba direng fa ba tlhaselwa. Gape ba ile ba gakololwa mabaka a go bo Bakeresete ba boammaaruri ba bogisiwa ka dinako tse dingwe.—2 Tim. 3:12.

Mo godimo ga moo, phuthego ya ga Jehofa e ne ya tsaya kgato ya go emela bakaulengwe semolao kwa kgotlatshekelo. Mokaulengwe yo o neng a direla kwa Lephateng la Semolao kwa lekaleng la Georgia a re: “Mo dingwageng tseo tse nnê, re ne ra tlhatlhela dikgetsi di feta 800 kgatlhanong le setlhopha sa ga Vasili Mkalavishvili. Re ile ra kopa badiredi ba puso le mekgatlho ya ditshwanelo tsa batho gore e re thuse. Ntlokgolo ya lefatshe lotlhe ya Basupi ba ga Jehofa e ne ya dira letsholo la go itsise batho ka ditiragalo tseo, mme ditlhaselo di ne tsa tswelela.” *

^ ser. 30 Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng malebana le se Basupi ba ileng ba se dira gore ba kgone go obamela ka kagiso, bona Tsogang! ya Seesemane ya January 22, 2002, tsebe 18-24.