Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lekwalo le le Tswang Kwa Setlhopheng se se Laolang

Lekwalo le le Tswang Kwa Setlhopheng se se Laolang

Bakaulengwe le Bokgaitsadi ba ba Rategang:

Mo lekgolong la bosupa la dingwaga B.C.E., moporofeti Esekiele o ne a bona ponatshegelo e e gakgamatsang. O ne a bona kara e e boitshegang ya kwa legodimong e e neng e laolwa ke Molaodimogolo wa lobopo lotlhe. Se se kgatlhang thata ka kara eo ke tsela e e neng e tsamaya ka yone. Kara eno e ne e taboga ka lobelo lo logolo e bile e kgona go fetola kwa e lebileng teng ka ponyo ya leitlho mme e ne e kgona go dira seno ntle le go fokotsa lobelo kgotsa go retologa.—Esek. 1:4, 9, 12, 14, 16-27.

Ponatshegelo eo e re gopotsa gore karolo e e kwa legodimong ya phuthego ya ga Jehofa e nna e gatela pele. Mme gotweng ka karolo ya mo lefatsheng? Ngwaga wa tirelo wa 2016 o bontshitse gore Jehofa o thusa phuthego ya gagwe ya mo lefatsheng gore e gatele pele ka lobelo lo lo kwa godimo thata!

Karolo ya kwa legodimong ya phuthego ya ga Jehofa e tsamaya ka lobelo

Mo United States, maloko a Bethele a ntse a tshwaregile ka go fuduga mo Brooklyn go ya kwa ntlokgolo e ntšha kwa Warwick, New York, ba bangwe ba fudugela kwa dikagong tse dingwe tsa Bethele mme ba bangwe ba ya go direla kwa tshimong. Maloko a Bethele mo makaleng a le mmalwa le one a tshwaregile ka go aga, go tlhabolola, go kopanya ditiro tse di farologaneng gore di dirwe mo lefelong le le lengwe kgotsa go fudugela kwa mafelong a masha. Gotweng ka wena? Le fa o ka tswa o sa fudugela gope, ga go pelaelo gore o ntse o tshwaregile ka ditiro tse dingwe.

Setlhopha se se Laolang se a itumela e bile se a kgothala fa se bona batho ba Modimo mo lefatsheng lotlhe ba dira ka natla fa ba ntse ba tsamaisana le phuthego ya ga Jehofa. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba ile ba ya go direla kwa go nang le tlhokego e kgolo gone. Ba bangwe ba ile ba ya go direla kwa tshimong e go buiwang puo e nngwe kwa go yone. Ba bangwe ba ile ba leka ditsela tse disha tsa go rera tse ba neng ba sa di tlwaela. Mme ba bangwe ba ile ba oketsa tirelo ya bone ka ditsela tse dingwe. Mo godimo ga moo, Bakeresete botlhe ba ba ikanyegang, go akaretsa ba ba godileng le ba ba bokoa, ba sa ntse ba le mo lobelong lwa botshelo. Ba nna ba dira ka natla mo tirelong ya ga Jehofa e bile ba thusa batho gore ba lemoge gore Satane ke ramaaka!1 Bakor. 9:24.

Tlhomamisegang gore Jehofa o bona matsapa a lo a tsayang go mo direla. (Baheb. 6:10) Matsapa a lo a tsayang a dira gore re akanye ka sekao sa ga Aborahame le Sara. Fa Aborahame a ne a le mo dingwageng tsa bo70, o ne a fuduga le ba lelapa la gagwe kwa motseng wa Bakaladia o o bidiwang Ure mme ba ya kwa Kanana, o ne a nna koo dingwaga di le dintsi mo ditenteng. Ruri Aborahame le mosadi wa gagwe ba ne ba iketleeleditse go ikobela Jehofa!—Gen. 11:31; Dit. 7:2, 3.

A le wena o iketleeleditse go ikobela Jehofa? Lona lotlhe ba lo itshokileng ka boikanyegi mo dinakong tseno tse di thata, lo dira se Jesu a neng a re laela gore re se dire. O ne a re: “Jalo tsamayang mme lo dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa, lo ba kolobetse mo leineng la Rara le la Morwa le la moya o o boitshepo.”—Math. 28:19.

Lefoko le Jesu a le dirisitseng e leng “tsamayang” le bontsha gore re tshwanetse go nna re tlhagafetse e bile re dira ka natla. Go itumedisa tota go bona se balatedi ba ba tlhagafetseng ba ga Keresete ba se fitlheletseng mo ngwageng o o fetileng! Go bonala sentle gore Jehofa o segofaditse tiro eno ya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi mo ditšhabeng tsotlhe.—Mar. 13:10.

Batho ba le bantsi ba amogela molaetsa wa Bogosi. Palo ya baboledi mo ngwageng o o fetileng e ne e le 8 340 847 mme palo ya dithuto tsa Baebele e ne e le 10 115 264 kgwedi le kgwedi. Go bonala sentle gore kara ya kwa legodimong e taboga ka lobelo, mme le lona lo dira jalo! Tswelelang lo dira ka natla mo nakong eno e e setseng pele Jehofa a fedisa tsamaiso eno ya dilo.

Ruri go a tshwanela go bo temana ya rona ya ngwaga wa 2017 e re, “Ikanye Jehofa mme o dire molemo”! (Pes. 37:3) Fa lo dira se se molemo ka go direla Jehofa tirelo e e boitshepo, lo tla bo lo bontsha gore lo a mo ikanya. Le ka motlha lo se ka lwa lebala gore ga lo nosi mo tirong eno. Eleruri Jesu o ne a nepile fa a ne a re: “Bonang! ke na le lona malatsi otlhe go fitlha bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo.”—Math. 28:20.

TEMANA YA NGWAGA YA 2017:

“Ikanye Jehofa mme o dire molemo”

Tlhomamisegang gore Jehofa o tla tswelela a segofatsa tiro ya lona ya boikanyegi. Le fa o ka tswa o dira go le gonnye kgotsa go le gontsi, nna o gopotse gore selo sa botlhokwa mo go Jehofa ke gore o mo direla ka bojotlhe le ka maitlhomo a a siameng. Maiteko a lo a dirang a itumedisa Jehofa e bile a dira gore a lo amogele. (2 Bakor. 9:6, 7) Ka jalo, tswelelang lo atamalana le Rraalona yo o lorato ka go mo rapela ka metlha, go ithuta Lefoko la Gagwe, go nna gone kwa dipokanong tsa Bokeresete le go nna le seabe ka tlhagafalo mo bodireding.

Fa fela “lobaka lo lokhutshwane lwa nako” lo Diabolo a nang le lone lo ise lo fele, motsuolodi yono yo o boikepo o ikemiseditse go dira sotlhe se a ka se kgonang gore re se ka ra ikanyega mo go Jehofa. (Tshen. 12:12) Tswelelang lo atamalane le Jehofa mme Diabolo ga a kitla a atlega ka gope. (Pes. 16:8) Tsweetswee itseng gore re lo rata fela thata mme re lebogela go bo lo re thusa go dira tiro ya Bogosi Jwa Morena mo metlheng eno ya bofelo.

Bakaulengwe ba lona,

Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa