Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Sierra Leone: Monna mongwe o thusa Crystal

GO RERA LE GO RUTA MO LEFATSHENG LOTLHE

Afrika

Afrika
  • DINAGA 58

  • PALO YA BATHO 1 109 511 431

  • BABOLEDI 1 538 897

  • DITHUTO TSA BAEBELE 4 089 110

O ne A Rapelela Gore a Kopane le Batho Ba ba Sa Utlweng mo Ditsebeng

Kwa Sierra Leone, pele ga morongwa mongwe yo o direlang mo tshimong ya puo ya diatla e bong Crystal a ya tshimong, o ne a rapelela gore a kopane le batho ba ba sa utlweng mo ditsebeng. Mo mosong oo, fa a ne a boela kwa go mongwe yo o neng a bontshitse kgatlhego, o ne a tsaya tsela e a neng a sa tlwaela go tsamaya ka yone. O ne a botsa batho ba mo lefelong leo gore a ba itse bangwe ba ba sa utlweng mo ditsebeng, mme ba ne ba mmontsha kwa mongwe wa bone a nnang gone. Fa a le koo, o ne a kopana le lekgarebe le le botsalano le le neng le kgatlhegela molaetsa e bile le ne la re le ka rata go ya kwa dipokanong tsa puo ya diatla. Go tswa foo, batho ba mo lefelong leo ba ne ba botsa Crystal gore a a ka rata go kopana le mongwe gape yo o sa utlweng mo ditsebeng. Ka jalo, o ne a kopana le motho yo mongwe gape yo o boikokobetso yo o neng a kgatlhegela go ithuta Baebele. Le fa gone a ne a kile a rera mo lefelong leo, o ne a ise a ko a kopane le batho bao ba babedi. Crystal o tlhomamisegile gore Jehofa ke ene a mo thusitseng go kopana le batho bao.

“Puo Eo e Ne e Bua le Nna!”

Emmanuel wa kwa Liberia o ne a le mo tseleng go ya kwa dipokanong tsa mafelobeke kwa Holong ya Bogosi. Fa a ntse a le mo koloing, o ne a bona lekawana le le neng le apere sentle mo thoko ga tsela, mme lekawana leno le ne le lebega le tshwenyegile mo maikutlong. Tsela e a neng a apere ka yone e ne ya kgatlha Emmanuel mme o ne a emisa koloi a bo a mmotsa gore a o tlhoka thuso. Leina la lekawana leno e ne e le Moses. O ne a tlhalosa gore mo bosigong jo bo fetileng madi a gagwe otlhe a ne a utswiwa mme ka ntlha ya seo, o ne a akanyetsa go ipolaya. Emmanuel o ne a reetsa Moses ka tlhoafalo a bo a mo raya a re: “Ke kopa o tsamaye le nna kwa Holong ya Bogosi.” O ne a dumela go tsamaya le ene. Se Moses a neng a se utlwa se ne sa dira gore a putsaputse dikeledi. Morago ga puo ya phatlalatsa o ne a re: “Puo eo e ne e bua le nna! Basupi ba ga Jehofa ba farologane le madumedi a mangwe.” Morago ga dipokano, Moses o ne a amogela thuto ya Baebele mme gone jaanong o nna gone ka metlha kwa dipokanong.

“Ga ke Moheitane”

Aminata ke moithuti wa dingwaga di le 15 wa kwa Guinea-Bissau. Fa a na le dingwaga di le 13, morutabana wa gagwe wa tlelase ya go terowa o ne a ba kopa gore ba terowe difatlhego le dilo dingwe tse di tsamaisanang le meletlo e megolo e mo go yone go lediwang mmino e bile go binwa mo mebileng. Aminata ene o ne a terowa lefelo le lentle le le nang le diphologolo le dijalo a bo a kwala “Paradaise” mo setshwantshong seo. Fa morutabana a ne a tshwaya tiro ya bone, o ne a raya Aminata a re setshwantsho sa gagwe se sutlha naga fela ga se tsamaisane le se a ba reileng a re ba se dire mme o ne a newa maduo a a kwa tlase. Fa sekolo se tswa, Aminata o ne a latela morutabana yoo mme a mmotsa jaana: “Meletlo eno e simolotswe ke bomang?”

Morutabana o ne a re: “Ke baheitane.”

Guinea-Bissau: Aminata o terowa “Paradaise”

Aminata o ne a mo raya a re: “Ga ke moheitane, ka jalo, ga ke tseye karolo mo meletlong eo. Ke dumela gore Modimo o tlile go fetola lefatshe gore e nne paradaise, ke ka moo ke terowileng setshwantsho seno.” Morutabana o ne a mmolelela gore o tla kwala tlhatlhobo e nngwe. Aminata o ne a falola tlhatlhobo eo.

Go ne Ga Tla Batho ba le Bantsi Tota

Setlhopha se sennye sa kwa motsaneng mongwe wa kwa Malawi se na le baboledi ba le supa fela. Ba kopanela mo lefelong la maemo a a kwa tlase. E re ka ba ne ba etetswe ke molebedi wa potologo, ba ne ba tlhagafalela go laletsa batho kwa Segopotsong sa loso lwa ga Keresete. Go ne go tshubilwe dipone tsa leokwane mme sebui se ne sa neela puo ya Segopotso. Mme gone, go ne go pitlagane tota ka gonne batho ba ba kgatlhegang ba ne ba le bantsi. Akanya fela gore baboledi bao ba le supa ba ne ba itumela thata jang fa ba sena go utlwa gore palo ya ba ba nnileng gone mo Segopotsong e ne e le 120!

Malawi: Palo ya ba ba nnileng gone e ne e le 120

Boroutšhara bo ne Jwa Rarabolola Mathata a Gagwe a Lenyalo

Gantsi go neela bosupi jo bo kgethegileng mo ditoropong tse dikgolo go nna le diphelelo tse di molemo tse di sa lemotshegeng ka bonako. Kwa motsemogolo wa Togo e leng Lomé, mosadi mongwe o ne a tsaya boroutšhara jwa Lelapa la Gago le ka Itumela mo tafoleng ya go bontsha batho dikgatiso le fa gone a ne a okaoka. Morago ga moo, Basupi ba ne ba tlotla le ene ka bokhutshwane ka temana ya Baefeso 5:3. Ba ne ba tsaya dinomoro tsa gagwe tsa mogala ba bo ba mo naya tsa bone. Morago ga dibeke tse pedi, mosadi yono o ne a ba founela a bo a re: “Ke ne ke sa rate Basupi ba ga Jehofa. Le fa go ntse jalo, ke ne ka bala boroutšhara jwa lona mme bo na le kgakololo e e molemo. Bo nthusitse go rarabolola mathata a me a lenyalo e bile ke kgonne go thusa malapa a mangwe a mabedi. Tsela e ke neng ke ikutlwa ka teng ka Basupi ba ga Jehofa e ne e le phoso. Ke kopa gore lo tle go ithuta Baebele le nna.” Basupi ba ne ba simolola go ithuta le mosadi yono le go ithuta le lelapa le lengwe le a neng a le thusitse.

O ne A Ranola Boroutšhara

Ankasie ke torotswana ya kwa Ghana. Mmila o mogolo wa mo lefelong leno o na le batho ba le mmalwa ba ba rekisang. Mantaga mongwe le mongwe Basupi ba baya kolotsana ya go bontsha batho dikgatiso mo mmileng oo. Mokaulengwe mongwe e bong Samuel o ne a rerela monna mongwe yo o bidiwang Enoch a bo a mo naya boroutšhara jwa Listen to God. Enoch o ne a botsa Samuel gore a ga ba na dikgatiso dingwe ka puo ya Se-Kusaal.

Ghana: O ne a ranolela boroutšhara mo puong ya Se-Kusaal

Samuel o ne a re: “Ka maswabi ga re na tsone. Mme re na le diboroutšhara tsa Se-Frafra,” e leng puo e e batlileng e tshwana le Se-Kusaal. Moragonyana, fa Enoch a ne a tloga a ya kwa gaabo kwa bokone, o ne a kopa Samuel gore a mo neye dikgatiso tse a ka di nayang ba losika lwa gagwe.

Fa Enoch a ne a boela kwa Ankasie, o ne a naya Samuel bukana nngwe. Enoch o ne a ranotse boroutšhara jwa Listen to God ka Se-Kusaal. Gone jaanong, Enoch o nna gone ka metlha kwa dipokanong e bile o ithuta Baebele.