Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Macao

GO RERA LE GO RUTA MO LEFATSHENG LOTLHE

Asia le Botlhabagare

Asia le Botlhabagare
  • DINAGA 49

  • PALO YA BATHO 4 464 374 770

  • BABOLEDI 728 989

  • DITHUTO TSA BAEBELE 771 272

Motlotlo o le Mongwe O ne Wa Dira Gore Batho ba le Bantsi ba Kgatlhege

Kwa ditlhaketlhakeng tsa Philippine, mokaulengwe mongwe e bong Jonathan o ne a emetse go kopana le ngaka. Mosadi mongwe yo o amogelang batho ba ba tlileng bookelong o ne a kgatlhiwa ke tsela e e bori e Jonathan a neng a apere ka yone a bo a mmotsa gore a ke modiredi wa khampani ya inshorense. Jonathan o ne a mo tlhalosetsa gore ke Mosupi wa ga Jehofa le gore o ne a tlile go thusa molwetse mongwe wa Mosupi yo o neng a le mo bookelong joo. Mosadi yoo e bong Laila o ne a kgatlhegile mme o ne a tlhalosetsa Jonathan gore rraagwe o ne a tlhola a bala kgatiso nngwe le nngwe ya Tora ya Tebelo pele a tlhokafala. Jonathan o ne a mmalela Johane 5:28, 29 a bo a mo naya pampitshana e e reng, Go Na le Tsholofelo Efe Ka Baratiwa ba ba Suleng?

Philippines: Jonathan o ne a rerela mosadi mongwe yo o amogelang batho kwa bookelong

Fa a ntse a ya bookelong makgetlo a le mmalwa, o ne a tlela Laila dikgatiso tse dingwe mme a rulaganya gore kgaitsadi mongwe a ithute Baebele le ene. Moragonyana monna wa ga Laila, monnawe le mmaagwe le bone ba ne ba simolola go ithuta Baebele.

Moagelani wa ga Laila e bong Rose, o ne a botsa Laila gore ke eng fa batho ba le bantsi ba mo etela thata jaana. Laila o ne a mmolelela gore o ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. Rose le ene o ne a simolola go ithuta Baebele mme fa a etetse kwa gaabo o ne a bolelela monnawe ka dilo tse a neng a di ithuta. Monnawe e bong Abigail o ne a batla go itse mo go oketsegileng, ka jalo o ne a kopa gore a rutiwe Baebele. Mmaagwe Rose le ene o ne a simolola go ithuta Baebele.

Laila o ne a kolobediwa bosheng jaana kwa kopanong ya tikologo. Mmaagwe le ene o kolobeditswe. Rose le monnawe ba kolobeditswe ngwaga o o fetileng. Gone jaanong, mmaagwe Rose o ya dipokanong ka metlha. Bangwe ba lelapa la ga Laila ba tswelela go ithuta Baebele. Batho bano botlhe ba thusitswe ke gore mokaulengwe mongwe o ile a tlotlela motho a le mongwe fela kwa bookelong.

Go Dirisa Thekenoloji go Fitlhelela Batho Ba ba Sa Utlweng mo Ditsebeng

Tshimo ya puo ya diatla kwa Sri Lanka e ntse e a oketsega. Ka 2015, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba na le diaterese di le kwa tlase ga 80 tsa batho ba ba sa utlweng mo ditsebeng mme di ne di kwadilwe mo dipampiring. Fa e sale go tloga nako eo, go ile ga tlhomiwa phuthego ya ntlha ya Puo ya Diatla kwa Sri Lanka mme go ne ga dirwa thulaganyo ya gore maina a batho ba le 420 le diaterese tsa bone di tsenngwe mo khomputareng. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba mo phuthegong eo ba ile ba ikgolaganya le bontsi jwa batho bao ka go ba etela kwa malapeng a bone, go buisana le bone ka bidio mo Internet kgotsa ka go ba romelela melaetsa. Banyalani bangwe ba barongwa ba ne ba re: “Gone jaanong baboledi ba ba sa utlweng mo ditsebeng ba na le tshimo e ba ka e berekang. La ntlha, ba ne ba etela fela batho ba ba ba itseng ba ba sa utlweng mo ditsebeng.”

Ditebogo go Tswa Kwa Molaoding wa Puso

Baboledi ba kwa Mongolia ba nna le seabe mo tirong e e kgethegileng ya go rera phatlalatsa mo ditoropong tse dikgolo le fa tota maemo a bosa a le tsididi thata go fitlha go -30°C. Molaodi mongwe wa puso o ne a itseela dikgatiso dingwe mo kolotsaneng ya dikgatiso mme moragonyana o ne a kwala lekwalo a leboga. O ne a bua jaana mo lekwalong leo: “Ke Mobuda. Mme gone, ke ile ka batlisisa ka madumedi a le mantsi ka gonne ke dumela gore ga re a tshwanela go ganelela mo tseleng e le nngwe fela mme re tshwanetse go bona gore tse dingwe di re tshwaretse eng. Fa ke sena go bala dikgatiso tse lo di nayang batho, ke ne ka tlhotlheletsega gore ke lo kwalele ke lo leboge. Ke bona gore lo tsere matsapa a magolo tota go naya batho tshedimosetso e e thusang e bile e bua ka maemo a re lebanang le one mo botshelong. Sengwe se ke ithutileng sone mo dikgatisong tsa lona ke gore go botlhokwa gore re bale Baebele ka gonne e bua boammaaruri. E re naya kaelo e e molemo mo botshelong. Ke leboga botlhe ba ba tsayang matsapa a go ranolela dikgatiso tseno mo puong ya Se-Mongolia. Gape ke leboga ba ba nayang batho dikgatiso tseno tse di thusang, mme ba dira jalo le fa go le mogote kgotsa go le tsididi thata.”

Mongolia: Go rera phatlalatsa mo serameng

Thapelo ya Gagwe E ne Ya Arabiwa

Kwa Hong Kong, mokaulengwe mongwe wa mmulatsela e bong Brett, o ne a naya lekawana lengwe le le mo dingwageng tse di fetang 20 pampitshana e e reng, Ke Eng se se Dirang Gore Botshelo Jwa Lelapa bo Itumedise? Fa lekawana leo le bona pampitshana eo, le ne la putsaputsa dikeledi. O ne a tlhalosetsa Brett gore o goletse mo boammaaruring, mme fa a ne a le dingwaga di le 16 o ne a inaya naga. O ne a tlhalosa gore fa a sena go tshaba kwa gae, o ne a nna mo mmileng dingwaga di le tlhano e bile o ne a tshwakgotswe ke diokobatsi mme o ne a thusiwa ke mokgatlho mongwe o o thusang batho ba ba se nang magae.

Gape o ne a tlhalosetsa Brett gore mo go one moso oo o ile a rapela jaana: “Fa e le gore bodumedi jo ke goletseng mo go jone ke jwa boammaaruri, ke kopa gore o mpontshe seno gompieno.” O ne a re o akanya gore thapelo ya gagwe e arabilwe. Ba ne ba ya kwa lebenkeleng le le rekisang kofi mme ba fitlha ba tlotla ka boroutšhara jo bo reng Boela Kwa go Jehofa. E re ka lekawana leo le ne le boela kwa Fora mo maitseboeng ao, Brett o ne a tsaya dinomoro tsa gagwe tsa mogala. Morago ga nakwana, lekawana leo le ne la kwalela Brett lekwalo le re: “Mokaulengwe, Jehofa o arabile thapelo ya me. Sontaga ke tlile go ya dipokanong.” O ne a ikgolaganya le Basupi kwa Fora mme o ne a simolola go ithuta Baebele le go ya dipokanong.