GO RERA LE GO RUTA MO LEFATSHENG LOTLHE
Oceania
-
DINAGA 29
-
PALO YA BATHO 41 051 379
-
BABOLEDI 98 574
-
DITHUTO TSA BAEBELE 67 609
Morago ga Dingwaga di le Robongwe, O ne A Dumela
Fa Olivia wa kwa Australia a ne a tsena keretšhe, o ne a laletsa morutabana wa gagwe kwa Segopotsong. O ne a mo laletsa ngwaga le ngwaga, mme o ne a nna a dira jalo dingwaga di le robedi. Ka 2016, morutabana yoo o ne a mo founela a mmolelela gore a ka rata go ya Segopotsong. O ne a leboga Olivia go bo a ile a mo laletsa ngwaga le ngwaga. Ka jalo, morutabana yoo o ne a ya le monna wa gagwe kwa Segopotsong. Monna
wa gagwe o ne a gopola fa Holo ya Bogosi e ne e agiwa e re ka a ne a berekela mmasepala ka nako eo. O ne a bolelela bakaulengwe gore o ne a kgatlhiwa ke tsela e tiro ya go aga Holo ya Bogosi e neng e rulagantswe sentle ka gone. Morutabana yoo le monna wa gagwe ba ne ba itumelela Segopotso thata jaana mo ba neng ba sa batle go tsamaya.O ne A e Bala Gararo
Jacintu le mosadi wa gagwe ba nna kwa Timor-Leste. E ne e le Bakatoliki mme ba rata kereke ya bone fela thata. Ba ne ba gakgamala fa motlogoloabone a tlogela kereke ya bone a bo a nna Mosupi wa ga Jehofa. E re ka Jacintu a ne a batla gore motlogoloagwe a fetole tshwetso e a e dirileng, o ne a bala buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? Maikaelelo a gagwe e ne e le go batla dithuto tsa maaka mo bukeng eo. Moragonyana o ne a raya mosadi wa gagwe a re: “Ke badile buka eno yotlhe. E bua boammaaruri fela.”
Mosadi wa gagwe o ne a mo raya a re: “O tshwanetse wa bo o sa e bala sentle. E bale gape mme o e bale o iketlile.”
Jacintu o ne a e bala gape a bo a raya mosadi wa gagwe a re: “E bua boammaaruri fela. E ruta fela se se mo Baebeleng. Tota le se e se buang ka go obamela baswi se theilwe mo Baebeleng.”
Mosadi wa gagwe o ne a mo raya a re: “E bale gape gaboraro, o thalele dirapa tsotlhe mme o di bale ka kelotlhoko. E tshwanetse ya bo e na le diphoso.”
Jacintu o ne a bala buka eo ka kelotlhoko a thalela serapa sengwe le sengwe. Fa a sena go dira jalo, o ne a re: “E bua boammaaruri fela! Motlogoloarona o nepile.” Gone jaanong Jacintu o ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa.
O ne A Tlhotlhelediwa ke Morwadie
Kgaitsadi mongwe wa mmulatsela wa kwa Guam o ne a etela mosadi mongwe wa Mo-Pohnpei a bo a mmontsha bidio e e reng, Ke Eng fa o Tshwanetse go Ithuta Baebele? Kgaitsadi yono o ne a mo raya a re o tla mo etela gape. Le fa gone a ile a mo etela makgetlo a le mmalwa, ga a ka a mo fitlhela. Nako nngwe kgaitsadi yono o ne a etela mosadi yoo gape mme a fitlhela morwadie, a bo a mmontsha nngwe ya dibidio tsa bana tsa setlhogo se se reng, Nna Tsala ya ga Jehofa. Mosetsana yoo o ne a e itumelela fela thata. Letsatsi lengwe fa kgaitsadi yono a ne a etile gape, mosadi yoo o ne a mo amogela a bo a reetsa molaetsa wa Baebele. Morwadie o ne a ile a mo kopa gore ba ye kwa kerekeng ya mosadi yo o neng a mmontshitse bidio. Seno se ne sa dira gore mmaagwe a kgatlhegele go tlotla le kgaitsadi yono. Kgaitsadi yono o ne a mmontsha gore thuto ya Baebele e tshwarwa jang mme o ne a dira dithulaganyo tsa gore ba tswelele ba ithute.
“Jaaka Dinku Tse di se Nang Modisa”
Molebedi mongwe wa potologo e bong Terence, o ne a tsamaya le mosadi wa gagwe e bong Stella go ya go bereka tshimo e e sa abiwang kwa Inakor, Papua New Guinea. Terence a re: “Letsatsi la ntlha fa re ne re sa ntse re robetse mo mosong, mongwe o ne a kokota kwa kgorong. Re ne ra fitlhela batho ba le bantsi ba re emetse kwa ntle, ka jalo, re ne ra ba rerela go simologa ka ura ya borataro go fitlha ka sethoboloko. Re ne ra emisa go se kae gore re ye go tlhapa mme morago ga moo, re ne ra fitlhela ba bangwe ba re letile. Ka jalo, re ne ra rera gape go tloga ka ura ya bobedi go fitlha bosigogare.” Letsatsi le le latelang, banyalani bano ba ne ba tsamaya go sa le phakela thata ba ya go rera kwa motseng o mongwe. Le mo lekgetlong Math. 9:36.
leno, batho ba le bantsi ba ne ba ya go ba batla kwa ba nnang teng mme ga ba a ka ba ba fitlhela. Terence a re: “Fa ba sena go itse kwa re ileng teng, ba ne ba re latela. Re ne ra ba rerela gape go fitlha sethoboloko. Fa re boela kwa re nnang gone, re ne ra fitlhela ba bangwe ba re letile. Re ne re nna re ba rerela jalo letsatsi le letsatsi. Batho bao ba ne ba tshwana le ‘dinku tse di se nang modisa.’”—Ngaka e e Sidilang e Amogela Dimpho
Mmulatsela mongwe yo o nnang kwa New Caledonia e bong Agnès, o ne a ya kwa ngakeng e e sidilang ka gonne o ne a gobetse letsogo. Fa mosadi yono wa ngaka a ntse a tlhatlhoba Agnès, o ne a re o bone batho ba le bantsi ba boga mme o ne a ipotsa gore a Modimo o setlhogo. Agnès o ne a rapela mo pelong a leboga Jehofa go bo a mo file tshono ya gore a mmuelele. Morago ga moo, o ne a bontsha ngaka eo pampitshana e e reng, A Pogo e Tla Fela? a bo a mmalela Tshenolo 21:3, 4.
Mosadi yono wa ngaka o ne a re: “Ga ke dumele gore temana e o sa tswang go e bala e teng mo Baebeleng ya me ka gonne yone e na le dibuka tsa Diefangele fela.” E rile a lemoga gore Agnès e ne e le Mosupi wa ga Jehofa, o ne a re o kile a kopana le Basupi kwa nageng ya gagabo kwa Chile.
Agnès o ne a gopola gore bidio ya pego ya lekala la kwa Chile e ne e le gone mo JW Broadcasting. Ka jalo, fa a ne a ile kwa go ene gape, o ne a tla ka tablet ya gagwe a bo a mmontsha bidio ya pego ya lekala. Mosadi yono o ne a kgatlhiwa ke go bona legae la Bethele le Holo ya Dikopano ya kwa Chile. Morago ga moo, Agnès o ne a mo raya a re: “Ke go tshwaretse sengwe gape, ke Baebele e e feletseng gore o tle o ipalele temana e ke go e baletseng beke e e fetileng ya Tshenolo 21:3, 4!” Mosadi yono wa ngaka o ne a itumetse tota mo a neng a tlamparela Agnès, a bo a mo raya a re: “Ke leboga fela thata ka dimpho tseno tse o di nneileng!”
Fa Agnès a boela gape kwa go ene, o ne a mo tlela buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? a bo a mo tlhalosetsa mo go oketsegileng ka se se bakileng pogo mo lefatsheng. Mosadi yono o ne a re o tlile go ya kwa Chile go ya go ikhutsa le gore o tla tsaya buka eno gore a tle a e bale yotlhe.