Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Azerbaijan

GO RERA LE GO RUTA MO LEFATSHENG LOTLHE

Yuropa

Yuropa
  • DINAGA 47

  • PALO YA BATHO 744 482 011

  • BABOLEDI 1 611 290

  • DITHUTO TSA BAEBELE 834 121

Karabo e e Bonolo

Kwa Georgia, monna mongwe o ne a tla mo kolotsaneng ya dikgatiso a bo a omana a re: “Ga nkitla ke lo letlelela go rera mono! Georgia ke naga ya kereke ya Orthodox fela.” Mokaulengwe yo o neng a eme fa thoko ga kolotsana o ne a botsa monna yoo ka bonolo gore a o kile a bala dikgatiso tsa Basupi. Monna yoo o ne a re: “Nnyaa, ga ke ise ke di bale.” Mokaulengwe o ne a mo kgothaletsa gore a di bale. Tsela eo e e bonolo e mokaulengwe yono a neng a bua le monna yoo ka yone e ne ya dira gore a ritibale mme o ne a tsaya dikgatiso dingwe. Morago ga malatsi a le mmalwa, monna yoo o ne a boela kwa mokaulengweng yono mme a kopa maitshwarelo. O ne a re o ile a balela mmaagwe makasine wa rona. Boobabedi ba ne ba o ratile fela thata e bile ba ne ba batla go bala kgatiso e nngwe. Gone jaanong monna yono o ya kwa kolotsaneng ya dikgatiso ka metlha gore a itseele dimakasine tsa bosheng.

Tsela e e Molemo ya go Rarabolola Mathata

Fa bakaulengwe ba babedi ba ne ba le mo bodireding kwa Azerbaijan, ba ne ba kopana le monna yo mosha yo o neng a eme fa pele ga kago nngwe mme ba mo rerela. Monna yoo o ne a re: “Nka se kgone go reetsa dilo tseno ka gonne ke tla bo ke leofa.” Go tswa foo o ne a ntsha thipa mo kgetsing e e kafa morago a bo a re: “Ga ke a tshwarwa sentle, mme ke tlile go ya go dirisa thipa eno gore ke rarabolole bothata.”

Bakaulengwe ba ne ba gamaregile, mme gone, ba ne ba re: “Go bolaya ke boleo.”

Monna yoo o ne a re: “Jaanong ke dire eng?” Ba ne ba mmalela Baroma 12:17-21 ba bo ba mo tlhalosetsa gore pusoloso ke ya Modimo le gore ga re a tshwanela go ‘fenngwa ke bosula, mme re nne re fenye bosula ka molemo.’ Ba ne ba mmolelela gore go nna bonolo ruri go a thusa le gore fa a ka gobatsa mongwe kgotsa a mmolaya, o tla jewa ke letswalo. E re ka monna yoo a ne a kgatlhilwe ke se a neng a se utlwa, o ne a tsamaya.

Morago ga ura, monna yoo o ne a kopana le bakaulengwe bao mme a ba raya a re: “Ke fetsa go kopana le motho yo ke neng ke batla go mmolaya. Ga ke a ka ka mo gobatsa mme re ile ra rarabolola bothata jwa rona. Ke leboga go bo lo nthusitse gore ke se ka tsena mo mathateng.” Bakaulengwe bao ba ne ba tlhalosa gore tota ke Jehofa a ileng a mo thusa.

Kgaitsadi yo o Tsidifetseng o Kgatlhiwa ke Dikolotsana Tsa Dikgatiso

Dingwaga di le mmalwa tse di fetileng, kgaitsadi mongwe wa kwa Norway o ne a tlogela boammaaruri. Le fa go ntse jalo, morago ga gore go simololwe go dirisiwa dikolotsana tsa dikgatiso mo tirong ya go rera phatlalatsa, o ne a tlhola a feta kolotsana nngwe fa a ya kwa marekisetsong.

Le fa gone a ise a bue le Basupi ba ba emeng mo thoko ga dikolotsana tseo, o ne a bona di-poster tse di kgatlhang le dikgatiso tse dintle. Dikgatiso tseno gammogo le tsela e Basupi ba neng ba le botsalano e bile ba apere sentle ka yone, e ne ya dira gore a batle go boela kwa go Jehofa le kwa bathong ba gagwe.

Gape o ne a bona letshwao la website ya rona ya jw.org a bo a tsena mo go yone. O ne a kgatlhiwa ke kafa go neng go le motlhofo ka gone go bona aterese ya Holo ya Bogosi e e gaufi le kwa a nnang gone le gore dipokano di tsena nako mang. O ne a itseela dikgatiso dingwe mo website mme a ya kwa Holong ya Bogosi le fa gone a ne a na le letshogonyana. O ne a amogelwa ka lorato mme bagolwane ba rulaganya gore kgaitsadi mongwe a ithute Baebele le ene. Go ise go ye kae o ne a nna le ditsala tse di molemo mo phuthegong mme a boa a nna le thulaganyo ya go ithuta Baebele letsatsi le letsatsi. Gone jaanong o nna le seabe ka metlha mo dipokanong le mo bodireding jwa tshimo, mme o itumelela gore kamano ya gagwe le Jehofa e nonofile gape.

Go Rerela Baithutimmogo mo Beseng ya Sekolo

Kwa Norway, Ronja wa dingwaga di le 15 o ne a le mo beseng ya sekolo mme o ne a tlotla le basimane ba bararo ba a tsenang sekolo le bone ka thuto ya go iphetogela ga ditshedi go nna tse dingwe. Basimane bao ba ne ba sa tlotle se a se dumelang mme seno se ne se dira gore kgaitsadi yono yo o mmotlana a se ka a phuthologa. E re ka a ne a sa ipaakanyetsa go tlotla ka thuto eo, o ne a kopa mmaagwe gore a mo thuse go ntsha mabaka a a utlwalang a gore go na le Mmopi.

Norway: Ronja o femela se a se dumelang

Letsatsi le le latelang fa Ronja a ne a le mo beseng, o ne a tlhalosa mabaka a a neng a a baakanyeditse. Le fa go ntse jalo, basimane bao ba ne ba mo ja ditshego ka go bo a dumela mo go Jehofa. Mongwe wa bone o ne a goa a re: “Mo beseng eno, ga go na ope yo o dumelang mo go Jehofa! Ke kopa lo tsholetseng matsogo. Ke mang yo o dumelang mo thutong ya go iphetogela ga ditshedi go nna tse dingwe mme ke mang yo o dumelang mo go Jehofa?” Ronja o ne a gakgamala fa mosimane mongwe yo o mmotlana yo o neng a dutse gaufi le ene a tsholetsa letsogo a bo a re: “Ke dumela mo go Jehofa!” Bana ba bangwe ba babedi ba ne ba re: “Le nna!” Baithuti ba bangwe ba ne ba utlwile motlotlo wa ga Ronja le basimane bao mme ba ile ba tlhomamisega gore se a neng a se bua se boammaaruri!

Monna Yo o Sa Itseng go Bala o Romeletswe Buka

Letsatsi lengwe, banna ba babedi ba ba buang Searabia ba ba neng ba tswa kwa Siria ba ne ba ya kwa ofising ya lekala ya kwa Denmark. Ba ne ba bolelela bokgaitsadi ba ba berekang mo phaphosing ya go amogela baeng gore ba batla Basupi ba ga Jehofa. Banna bano ba ne ba itumela fa bokgaitsadi bano ba ne ba ba bolelela gore ofisi eo ke ya Basupi ba ga Jehofa. Ba itsile jang gore ofisi ya lekala e kwa kae? Ba ne ba bontsha badiri ba kwa laeboraring ya mo lefelong la bone setshwantsho se ba neng ba se tsere ka founo. E ne e le setshwantsho sa tsebe ya bagatisi e e mo bukeng ya Searabia ya Totatota Baebele e Ruta Eng? Ka jalo, badiri ba laeborari ba ne ba kgona go ba naya aterese ya ofisi ya lekala.

Fa banna bao ba le koo go ne go le thata gore ba buisane le bokgaitsadi bao ka puo ya kwa Denmark. Ka jalo, mokaulengwe yo o neng a bua Searabia o ne a bilediwa kwa go bone. Go ne go bonala gore mongwe wa banna bao o kgatlhegela go ithuta mo go oketsegileng ka Baebele. Mokaulengwe yono o ne a tsaya dinomoro tsa gagwe a bo a mo solofetsa gore ene le mokaulengwe mongwe yo o buang Searabia ba tla mo etela moragonyana.

Fa bakaulengwe ba etetse monna yono kwa legaeng la gagwe, o ne a ba bolelela gore ga a ise a ko a etelwe ke Basupi ba ga Jehofa. O ne a ba bolelela gore o fitlhetse buka eo mo posong le fa gone poso ya gagwe e ne e sa kwalwa leina go bontsha gore ke ya motho yo o buang Searabia. E re ka a ne a sa itse go bala, o ne a kopa tsala ya gagwe gore a mmalele buka eo mme ba ne ba e fetsa mo malatsing a mararo. Se a neng a se utlwa se ne sa mo tlhatswa pelo gore o bone boammaaruri.

Go nna kwa nageng e nngwe, kgakala le kwa ba lelapa la gagwe ba nnang gone, go a mo tshwenya mme gone, o gomodiwa ke se a se ithutang mo Baebeleng. Lekgetlo la ntlha fa bakaulengwe ba mo etetse, o ne a ba botsa jaana: “Ke eng fa lo ise lo ke lo nketele? Seno ke se ke sa bolong go se tlhoka.” O sa ntse a ithuta le bakaulengwe bao e bile o itumelela se a se ithutang.

O ne A Hutsafetse Mme Jaanong o Itumetse

Dmitry e ne e le mookamedi wa khampani nngwe ya kwa Ukraine e e dirang motsoko, mme fa a lemoga gore go goga go koafatsa botsogo jwa motho go le kana kang, o ne a tlogela tiro ya gagwe e e neng e mo duela madi a mantsi. Go tswa foo, mo dikgweding di le tharo, mmaagwe le mogwagadie ba ne ba tlhokafala. Seno se ne sa dira gore a hutsafale fela thata. O ne a akanya gore o tla bona kgomotso le dikarabo tsa dipotso tsa gagwe kwa kerekeng, mme seo ga se a ka sa direga. Tsala nngwe ya gagwe e ne ya mmolelela gore go tsena kereke ya Orthodox go akaretsa “go tsenya sefapaano le go ikutlwa o se motho wa sepe.” Dmitry o ne a ikutlwa fela jalo. O ne a lemoga gore o ne a sa itse sepe ka Modimo kgotsa ka Baebele. E re ka a ne a tlaletswe, o ne a simolola go rapelela thuso. Go tswa foo, o ne a gopola gore o kile a utlwalela ka Basupi ba ga Jehofa. O ne a bona website ya rona mo Internet mme a kgatlhiwa ke gore e na le tshedimosetso e ntsi ka Baebele. Ka jalo, o ne a batla Holo ya Bogosi e e gaufi le mo a nnang gone. Fa a goroga koo, mokaulengwe mongwe wa motlhokomedi o ne a mo amogela a bo a mmotsa gore a ka mo thusa jang. Dmitry o ne a re: “Ke tlhoka go rutiwa Baebele.” Go setse go fetile dikgwedi di le thataro a ithuta Baebele e bile o ya dipokanong ka metlha le go nna le seabe mo go tsone.

Go Thusa Batho ba ba Neng ba Kgatlhega Ka go Ba Kwalela

Paul le Faith ba ba nnang kwa Boritane, ba ne ba tlotla monate le mosadi mongwe yo o bidiwang Susan mme ba rulaganya go mo etela gape. Fa ba mmoela, Susan o ne a seyo mo gae. Paul le Faith ba ne ba dirisa kakantsho ya gore fa ba sa fitlhele mongwe mo ntlong ba mo kwalele molaetsa, ka jalo, ba ne ba kwalela Susan ba mo itsise gore ba tla mo etela mo letsatsing le le latelang. Kakantsho eno e tlhagelela mo kgatisong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya November 2014. Fa ba etela Susan mo letsatsing le le latelang, ba ne ba gakgamala fa ba fitlhela a ba kwaletse molaetsa o a neng a o kgomareditse mo kgorong. O ne a tlhalosa gore o ne a ile go reka dilwana tsa lenyalo la morwadie. Paul le Faith ba ne ba mo kwalela molaetsa o mongwe gore ba tla mmoela mo bekeng e e latelang. Fa ba ya, ba ne ba fitlhela Susan a ba emetse mme ba ne ba simolola go ithuta buka ya Baebele e Ruta Eng.

Boritane: Paul le Faith ba tlogelela batho melaetsa

E re ka morwadie a ne a tloga a nyalwa, Susan o ne a kopa gore ba fetole letsatsi le ba tla tlang ka lone. Fa Paul le Faith ba mo etela gape, ga ba a ka ba fitlhela ope, ka jalo ba ne ba tlogelela Susan molaetsa o mongwe o mo go one ba neng ba mo kwaletse dinomoro tsa bone tsa mogala. Ba ne ba itumela fa Susan a ba romelela molaetsa a tlhalosa gore o maswabi gore ga ba a mo fitlhela; ka nako ya fa ba ne ba mo etetse o ne a ne le kwa ntle a na le moagelani wa gagwe kwa tshingwaneng. Fa e sa le ka nako eo, Susan o ntse a ithuta Baebele ka metlha e bile bosheng jaana o ne a ya dipokanong lekgetlo la ntlha.

Paul le Faith ba rata go tlogelela batho melaetsa fa ba sa ba fitlhele kwa gae. Ba a re: “Re ile ra kgona go boela kwa bathong ba le mmalwa ka gonne ba ile ba bala melaetsa e re ba tlogeletseng yone. Ruri leano leno le a bereka!”

Tumelo ya Gagwe E ne Ya Thusa Mooki wa Gagwe

Ka August 2014, mokaulengwe mongwe wa kwa Hungary, o ne a isiwa kwa bookelong ka gonne a ne a na le bolwetse jwa ditshika tsa mo mafatlheng. Ka maswabi, o ne a tlhokafala. Mosadi wa mokaulengwe yono o ne a kwala jaana a bua ka Tünde e leng mooki yo o neng a ba thusitse fela thata:

“Ka 2015, nna le morwaake re ne ra ya kwa Kopanong ya Tikologo ya ‘Etsang Jesu!’ Fa kopano e fela mme re ipaakanyetsa go boela gae, mosadi mongwe o ne a tla kwa go nna, a lesa dibeke tsa gagwe di wela mo fatshe, a ntlamparela a bo a lela. E ne e le ene mooki yo ngwaga o o fetileng a neng a tlhokometse monna wa me fa a ne a le mo phaphosing ya kwa bookelong ya batho ba ba lwalang thata. O ne a tlhalosa gore letsatsi lengwe le lengwe mooki mongwe le mongwe o ne a abelwa go tlhokomela molwetse a le mongwe. Letsatsi le letsatsi o ne a rapela gore a abelwe go tlhokomela monna wa me. Mme go ne go nna fela jalo nako le nako!

“Tünde o ne a tlhalosa gore tsela e e molemo e monna wa me a neng a itshwere ka yone le tsela e a neng a emela tumelo ya gagwe ka yone ka go nna a bua ka tsholofelo ya gagwe e ne ya mo tlhotlheletsa gore a simolole go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa.

“Gone jaanong Tünde o ithuta Baebele e bile o lebile pele go boa a kopana le monna wa me gape. O batla go mmolelela gore boitshwaro jwa gagwe le tumelo ya gagwe di ne tsa mo thusa gore a ithute ka Jehofa le ka ditsholofetso tsa gagwe tse di itumedisang.”

Go Rerela Bakgweetsi ba Dikoloi

Bulgaria: Go rerela bakgweetsi ba dilori kwa molelwaneng

Ka ntlha ya megwanto le go thibelwa ga dilo gore di tsene le go tswa mo nageng, ka dinako dingwe molelwane o o kgaoganyang Gerika le Bulgaria o ne o tswalwa, mme dikoloi di le dintsi di ne di tshwanelwa ke go leta. Phuthego nngwe e e fa gaufi ya kwa Bulgaria, e ne ya dirisa tshono eo go rerela batho ba ba neng ba letile mo dikoloing le go ba naya dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ne ba ya kwa molelwaneng oo ba tshwere dikgatiso tsa dipuo di le 12. Bontsi jwa bakgweetsi ba dilori ba ne ba lapile e bile ba ngomogile pelo, mme gone, ba ne ba batla go bua. Bakaulengwe ba ne ba ba reetsa ka kelotlhoko mme ba ba kgothatsa le go ba bolelela ka ditsholofetso tse di mo Baebeleng. Mokgweetsi mongwe o ne a ba botsa jaana: “A lo Basupi ba ga Jehofa?” Fa ba sena go mmolelela gore ke Basupi, o ne a re: “Ke itsile, Basupi ba ga Jehofa ke bone fela ba rerang ka tsela eno.” Mokgweetsi mongwe wa kwa Austria o ne a re: “A lo re latela le fano tota? Ke a lo akgola! Tswelelang lo gomotsa batho le go ba bolelela ka ditsholofetso tse di mo Baebeleng.” Mokgweetsi yo mongwe o ne a re: “Ga ke ise ke tsamaye ke kgatlhegele go bala dikgatiso tsa lona. Mme jaanong ke tla di bala ka pelo e tshweu.” Fa mokaulengwe a ne a rerela mokgweetsi mongwe, mokgweetsi yoo o ne a lela. O ne a tlhalosa gore dingwaga di le dintsi tse di fetileng e ne e le Mosupi. Bakaulengwe ba ne ba mo kgothaletsa gore a bale dikgatiso le gore a ikgolaganye le phuthego nngwe.