Matseno a Karolo 10
Jehofa ke Kgosi ya dikgosi. Ke ene yo o nang le maatla a magolo e bile o laola dilo tsotlhe. Ka sekai, o ile a golola Jeremia mo losong. O ile a golola Shaderake, Meshake le Abedenego mo khuting e e nang le molelo o mogolo a bo a golola Daniele mo ditaung. Jehofa o ne a sireletsa Esethere gore a kgone go golola batho ba gagwe. Ga a kitla a tlogela dilo tse di sa siamang di nnela ruri. Boporofeti jo bo buang ka ditshwantsho tse dikgolo le setlhare se segolo bo tlhomamisa gore Bogosi Jwa ga Jehofa bo tla tloga bo fedisa dilo tsotlhe tse di utlwisang botlhoko e bile bo tla busa mo lefatsheng lotlhe.
MO KAROLONG ENO
THUTO 57
Jehofa o Romela Jeremia Go ya Go Rera
Se moporofeti yono yo mosha a neng a se bua se ne sa galefisa bagolwane ba Juda thata.
THUTO 58
Jerusalema e a Senngwa
Batho ba Juda ba tswelela go obamela medimo ya maaka, ka ntlha ya seo, Jehofa o a ba latlha.
THUTO 59
Basimane ba le Banê ba ba Neng ba Ikobela Jehofa
Basha ba Bajuda ba ikemiseditse go nna ba ikanyega mo go Jehofa le fa ba le kwa ntlong ya segosi kwa Babelona.
THUTO 60
Bogosi jo bo Tla Nnelang Ruri
Daniele o tlhalosa toro e e sa tlwaelegang ya ga Nebukadenesare.
THUTO 61
Ga ba A ka Ba Obama
Shaderake, Meshake le Abedenego ba gana go obamela setshwantsho sa gauta sa kgosi ya Babelona.
THUTO 62
Bogosi jo bo Tshwanang le Setlhare se Segolo
Toro ya ga Nebukadenesare e bolelela pele se se tla mo diragalelang mo nakong e e tlang.
THUTO 65
Esethere o Boloka Baiseraele
Le fa e ne e le motswakwa e bile a se na batsadi, o ne nna kgosigadi.
THUTO 66
Esera O ne A Ruta Batho Molao wa Modimo
Fa Baiseraele ba sena go reetsa Esera, ba ne ba direla Modimo maikano a a kgethegileng.
THUTO 67
Mabota a Jerusalema
Nehemia o ne a itse gore baba ba gagwe ba batla go mo tlhasela. Goreng a ne a sa tshoga?