Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 59

Basimane ba le Banê ba ba Neng ba Ikobela Jehofa

Basimane ba le Banê ba ba Neng ba Ikobela Jehofa

Fa Nebukadenesare a sena go isa dikgosana tsa Juda kwa Babelona, o ne a tlhopha modiredi wa kgosi e bong Ashepenase gore a ba okamele. O ne a raya Ashepenase a re a batle basimane ba ba nang le botsogo jo bo siameng e bile ba le botlhale go gaisa ba bangwe. Basimane bano ba ne ba tlile go fetsa dingwaga di le tharo ba rutiwa go nna badiredi ba ba botlhokwa mo Babelona. Basimane bao ba ne ba tshwanetse go ithuta go bala, go kwala le go bua puo ya kwa Babelona ya Se-Akkad. Gape ba ne ba tshwanetse go ja dijo tse kgosi le ba ntlo ya gagwe ba neng ba di ja. Bangwe ba basimane bao e ne e le Daniele, Hanania, Mishaele le Asaria. Ashepenase o ne a ba naya maina a masha a Sebabelona e bong Beleteshasare, Shaderake, Meshake le Abedenego. A go rutiwa dilo tseo go ne go tla dira gore ba tlogele go direla Jehofa?

Basimane bano ba ne ba ikemiseditse go reetsa Jehofa. Ba ne ba itse gore ga ba a tshwanela go ja dijo tsa kgosi ka gonne Molao wa ga Jehofa o ne o re dingwe tsa tsone ga di phepa. Ka jalo, ba ne ba raya Ashepenase ba re: ‘Re kopa gore o se ka wa re naya dijo tsa kgosi.’ Ashepenase o ne a ba raya a re: ‘Fa lo sa di je, kgosi e bo e bona e kete lo a lwala, e a go mpolaya!’

Daniele o ne a na le leano. O ne a raya batlhokomedi ba bone a re: ‘Re kopa lo re neye merogo fela le metsi ka malatsi a le lesome. Go tswa foo, lo bone gore a re tshwana le basimane ba ba jang dijo tsa kgosi.’ Batlhokomedi ba ne ba dumela.

Morago ga malatsi a le lesome, Daniele le ditsala tsa gagwe tse tharo ba ne ba lebega ba itekanetse go gaisa basimane ba bangwe botlhe. Jehofa o ne a itumeletse gore ba ne ba mo reetsa. O ne a naya Daniele botlhale jwa go tlhaloganya dipono le ditoro.

Fa ba sena go rutiwa, Ashepenase o ne a ba isa kwa go Nebukadenesare. Kgosi e ne ya bua le bone mme ya lemoga gore Daniele, Hanania, Mishaele le Asaria ba ne ba le botlhale thata e bile ba le kelotlhoko go gaisa basimane ba bangwe botlhe. O ne a tlhopha bone gore ba direle mo ntlong ya gagwe ya segosi. Gantsi kgosi e ne e ba kopa gore ba mo thuse go dira ditshwetso tse di botlhokwa. Jehofa o ne ba neile botlhale jo bo gaisang jwa banna ba ba botlhale ba kgosi le maselamose.

Le fa gone basimane bao ba ne ba le kgakala le malapa a bone, ga ba a ka ba lebala gore ke batho ba ga Jehofa. A le wena o tla nna o gopola Jehofa le fa batsadi ba gago ba seyo?

“Le ka motlha o se ka wa letla ope a lebela bosha jwa gago kwa tlase. Go na le moo, nna sekao sa ba ba ikanyegang, mo go bueng, mo boitshwarong, mo loratong, mo tumelong, mo boitshekong.”—1 Timotheo 4:12