Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 85

Jesu o Fodisa Batho ka Sabata

Jesu o Fodisa Batho ka Sabata

Bafarasai ba ne ba tlhoile Jesu e bile ba batla lebaka la go mo tshwara. Ba ne ba mo raya ba re a se ka a fodisa batho ka letsatsi la Sabata. Nako nngwe, o ne a bona monna yo o sa boneng a kopa mo seterateng ka letsatsi la Sabata. O ne a raya barutwa ba gagwe a re: ‘Lo boneng fela gore Modimo o tlile go thusa monna yono jang.’ Jesu o ne a tsaya mmu a o kgwela mathe mme a o tshasa mo matlhong a monna yoo. Jesu o ne a mo raya a re: ‘Tsamaya o ye go tlhapa matlho kwa nokeng ya Siloame.’ Monna yoo o ne a dira jalo, mme lekgetlo la ntlha mo botshelong jwa gagwe, o ne a kgona go bona.

Batho ba ne ba sa dumele se ba se bonang. Ba ne ba re: ‘A monna yono ke ene a neng a tlhola a kopa kgotsa a ke mongwe yo o tshwanang le ene?’ Monna yoo o ne a re: ‘Ke nna ke neng ke sa bone!’ Batho ba ne ba mmotsa ba re: ‘Go tlile jang gore o bo o bona?’ Fa a sena go ba bolelela, ba ne ba mo isa kwa Bafarasaing.

Monna yoo o ne a raya Bafarasai a re: ‘Jesu o ne a ntshasa seretse mo matlhong mme a re ke ye go se tlhapa. Ke ile ka dira jalo mme ka simolola go bona.’ Bafarasai ba ne ba mo raya ba re: ‘Fa e le gore Jesu o go fodisitse ka letsatsi la Sabata, go raya gore maatla a gagwe ga a tswe kwa Modimong.’ Mme ba bangwe ba ne ba re: ‘Fa e le gore Modimo ga se ene a mo nayang maatla, o ne a se kitla a kgona go fodisa ope.’

Bafarasai ba ne ba bitsa batsadi ba monna yono ba bo ba re: ‘Go tla jang gore ngwana wa lona a bo a bona?’ Batsadi ba ne ba tshogile ka gonne Bafarasai ba ne ba re motho yo o dumelang mo go Jesu ga a kitla a letlelelwa go tsena mo lefelong la kobamelo. Ka jalo, ba ne ba re: ‘Ga re itse. Mmotseng!’ Bafarasai ba ne ba botsa monna yono dipotso tse dintsi mo a neng a ba raya a re: ‘Ke lo boleletse sengwe le sengwe. Ke eng fa lo nnetse go mpotsakaka dipotso jaana?’ Bafarasai ba ne ba galefa mme ba mo latlhela kwa ntle ga motse.

Jesu o ne a ya go batla monna yono mme a mmotsa a re: ‘A o dumela mo go Mesia?’ Monna yoo o ne a re: ‘Ke ne ke tla dumela mo go ene fa ke ne ke mo itse.’ Jesu o ne a mo raya a re: ‘Ke nna Mesia.’ A seno ga se bontshe gore Jesu o ne a utlwela batho botlhoko? Ga a ka a fodisa monna yono fela, gape o ne a mo thusa go dumela mo Modimong.

“Lo fositse ka gonne ga lo itse Dikwalo le fa e le maatla a Modimo.” —Mathaio 22:29