Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 81

Jesu o Ruta Kwa Thabeng

Jesu o Ruta Kwa Thabeng

Fa Jesu a sena go tlhopha baaposetoloi ba le 12, o ne a fologa thaba a bo a ya kwa batho ba neng ba phuthegetse gone. Batho bao ba ne ba tswa kwa Galalea, Judea, Ture, Sidona, Siria le mafelo a mangwe a kwa Joredane. Ba ne ba tla le batho ba ba lwalang le ba ba tsenweng ke madimona. Mme Jesu o ne a ba fodisa. Go tswa foo, o ne a nna mo thabeng mme a simolola go ruta. O ne a tlhalosa se re tshwanetseng go se dira fa re batla go nna ditsala tsa Modimo. O ne a tlhalosa gore re tlhoka Jehofa le gore re tshwanetse go ithuta go mo rata. Mme re ka se rate Modimo fa re sa rate batho ba bangwe. Re tshwanetse go dirisana sentle le batho ba bangwe go akaretsa le batho ba ba re tlhoileng.

Jesu o ne a re: ‘Ga lo a tshwanela go rata ditsala tsa lona fela. Lo tshwanetse go rata le batho ba ba lo tlhoileng le go itshwarela ba ba lo diretseng diphoso. Fa o diretse motho sengwe se se phoso, ya kwa go ene mme o mo kope gore a go itshwarele. Dirisana le ba bangwe ka tsela e o batlang gore ba dirisane le wena ka yone.’

Gape Jesu o ne a bua le batho ka kgang ya go rata go huma. O ne a re: ‘Go botlhokwa gore lo nne ditsala tsa ga Jehofa go na le go batla go nna le madi a mantsi. Legodu le kgona go utswa madi a gago mme ga go na ope yo o kgonang go utswa botsala jwa gago le Jehofa. Lo se ka lwa tshwenyega gore lo tla jang eng, lo tla nwa eng kgotsa gore lo tla apara eng. Lebang dinonyane. Modimo o dira gore di nne le dijo. Go tshwenyega thata ga go oketse malatsi a botshelo jwa gago. Gopolang gore Jehofa o itse dilo tse lo di tlhokang.’

E ne e le la ntlha batho bao ba utlwa motho a bua mafoko ao. Baruti ba bone ba ne ba sa ba rute dilo tseno. Jesu o ne a tsaya kae dilo tse a neng a ba ruta tsone? O ne a di tsaya kwa go Jehofa.

“Rwalang jokwe ya me mme lo ithute mo go nna, ka gonne ke bonolo e bile ke boikokobetso mo pelong, mme lo tla iponela tapologo.”—Mathaio 11:29