Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 82

Jesu o Ruta Balatedi ba Gagwe go Rapela

Jesu o Ruta Balatedi ba Gagwe go Rapela

Bafarasai ba ne ba dira dilo gore ba kgatlhe batho. Fa ba thusa motho, ba ne ba dira jalo gore ba bonwe ke batho. Ba ne ba rapela phatlalatsa gore ba bonwe ke mongwe le mongwe. Ba ne ba rapela dithapelo tse ditelele e bile ba di boaboeletsa mo disinagogeng, ba eme mo batho ba ka ba bonang gone. Ke ka moo batho ba neng ba gakgametse tota fa Jesu a ba raya a re: ‘Lo se ka lwa rapela jaaka Bafarasai. Ba akanya gore Modimo o kgatlhiwa ke dithapelo tsa bone. Thapelo ke selo se motho a tshwanetseng go se dira mo sephiring. Lo se ka lwa bua selo se le sengwe fa lo rapela. Jehofa o batla gore lo mmolelele se se mo pelong.

‘Fa lo rapela, lo re: “Rraarona yo o kwa magodimong, a leina la gago le itshepisiwe. A bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.”’ Gape Jesu o ne a ba raya a re ba rapelele dijo, ba kope Modimo gore a ba itshwarele le go mmolelela dilo tse ba tshwenyegileng ka tsone.

Jesu o ne a re: ‘Lo se ka lwa tlogela go rapela. Nnang lo kope Rraalona Jehofa gore a lo neye dilo tse lo di tlhokang. Motsadi mongwe le mongwe o batla go naya ngwana wa gagwe dilo tse a di tlhokang. Fa ngwana wa gago a go kopa borotho, a o ka mo naya letlapa? Fa a go kopa tlhapi, a o ka mo naya noga?’

Jesu o ne a tlhalosa se a batlang ba ithuta sone, o ne a re: ‘Fa lo itse go naya bana ba lona dilo tse ba di tlhokang, a Rraalona Jehofa ga a na go lo naya moya o o boitshepo fa lo o kopa?’ A o dirisa kgakololo ya ga Jesu? Ke dilo dife tse wena o di rapelelang?

“Nnang lo kope mme lo tla newa; nnang lo batle mme lo tla bona; nnang lo kokote mme lo tla bulelwa.”—Mathaio 7:7