Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Matseno a Karolo 13

Matseno a Karolo 13

Jesu o tlile mo lefatsheng gore a swele baleofi. Le fa a ile a swa, o ne a fentse lefatshe. Jehofa o ne a diragatsa tsholofetso ya gagwe ka go tsosa Jesu mo baswing. Jesu o ne a le boikokobetso, a thusa batho ba bangwe e bile a itshwarela ba ba mo direlang diphoso. O ne a dira jalo go fitlha a swa. Fa a sena go tsosiwa mo baswing, o ne a ya go bonala mo barutweng ba gagwe. O ne a ba ruta gore ba dire jang tiro ya botlhokwa e a neng a ba neile yone. Fa e le gore o na le bana, ba thuse go lemoga gore tiro eo e sa ntse e dirwa le gompieno.

MO KAROLONG ENO

THUTO 87

Jesu O ja Le Baaposetoloi ba Gagwe Labofelo

Jesu o naya baaposetoloi ba gagwe ditaelo tsa botlhokwa ka nako ya fa a ja le bone labofelo maitseboa.

THUTO 88

Jesu o a Tshwarwa

Judase Isekariota o etelela pele setlhopha sa batho ba ba tshwereng dibetsa go ya go tshwara Jesu.

THUTO 89

Petere o Itatola Jesu

Go direga eng kwa lelapeng la ga Kaiafase? Mme Jesu o diragalelwa ke eng fa a le mo ntlong?

THUTO 90

Jesu o Swela Kwa Gologotha

Goreng Pilato a re Jesu a bolawe?

THUTO 91

Jesu o Tsosiwa mo Baswing

Go direga eng se se gakgamatsang malatsinyana fa Jesu a sena go bolawa?

THUTO 93

Jesu o Boela Kwa Legodimong

Pele a tlhatlogela kwa legodimong, o laela barutwa ba gagwe go dira dilo dingwe tse di botlhokwa.