Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 6

Batho ba le Robedi ba Tsena mo Lefatsheng le Lesha

Batho ba le Robedi ba Tsena mo Lefatsheng le Lesha

Noa, ba lelapa la gagwe le diphologolo ba ne ba tsena mo arakeng. Jehofa o ne a tswala kgoro, mme pula ya simolola go na. Pula e ne ya na thata mo araka e neng ya kokobala mo godimo ga metsi. Metsi a ne a khurumetsa lefatshe lotlhe. Batho botlhe ba ba bosula ba ba neng ba le kwa ntle ga araka, ba ne ba swa. Mme Noa le ba lelapa la gagwe ba ne ba sireletsegile mo teng ga araka. O akanya gore ba ne ba ikutlwa jang ka ntlha ya go bo ba ikobetse Jehofa?

Pula e ne ya tshologa malatsi a le 40 le masigo a le 40. Metsi a ne a fokotsega ka iketlo. Go tswa foo, araka ya sala e le mo godimo ga dithaba. Mme go ne go sa ntse go na le metsi a mantsi mo lefatsheng, ka jalo, Noa le ba lelapa la gagwe ba ne ba sa kgone go tswa mo arakeng.

Metsi a ne a kgala ka iketlo. Go ne ga feta ngwaga Noa le ba lelapa la gagwe ba ntse ba le mo teng ga araka. Go tswa foo, Jehofa o ne a ba bolelela gore ba ka nna ba tswa mo teng ga araka mme ba dule mo lefatsheng le go neng go bonala e kete le lesha. Ba ne ba leboga tota go bo Jehofa a ba sireleditse, mme ba ne ba bontsha gore ba leboga Jehofa ka go mo ntshetsa setlhabelo.

Jehofa o ne a itumelela mpho eo. O ne a ba solofetsa gore ga a kitla a tlhola a senya dilo tsotlhe mo lefatsheng ka morwalela. Go bontsha gore ga a kitla a dira jalo, o ne a dira gore lekgetlo la ntlha mo botshelong, go tlhage motshe wa godimo (rainbow). A o kile wa bona motshe wa godimo?

Go tswa foo, Jehofa o ne a bolelela Noa le ba lelapa la gagwe gore ba nne le bana mme ba tlatse lefatshe.

‘Noa a tsena mo teng ga araka; mme batho ba se ka ba tsaya tsia go fitlha morwalela o tla o bo o ba gogola botlhe.’—Mathaio 24:38, 39