Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Matseno a Karolo 4

Matseno a Karolo 4

Karolo eno e bua ka Josefa, Jobe, Moshe le Baiseraele. Botlhe ba ne ba itshokela go bogisiwa ke Diabolo. Bangwe ba bone ba ne ba sa tshwarwe sentle, ba tsenngwa mo kgolegelong, ba nna makgoba le go bolawa. Mme Jehofa o ne a ba sireletsa ka ditsela tse di farologaneng. Fa e le gore o motsadi, thusa bana ba gago go bona gore batlhanka bao ba ga Jehofa ba ile ba kgona jang go tswelela ba na le tumelo le fa ba ne ba bogisiwa.

Jehofa o ne a dirisa Dipetso Tse di Lesome go bontsha gore o maatla thata go gaisa medimo ya Egepeto. Ba bontshe gore Jehofa o ne a sireletsa batho ba gagwe jang mo nakong e e fetileng le gore o ba sireletsa jang gompieno.

MO KAROLONG ENO

THUTO 14

Lekgoba le le Neng la Ikobela Modimo

Le fa Josefa a ne a dira se se siameng, o ne a bogisiwa. Goreng?

THUTO 15

Jehofa Ga a Ka a Lebala Josefa

Modimo o ne a thusa Josefa le fa a ne a le kgakala le ba lelapa la gagwe.

THUTO 16

Jobe E ne E le Mang?

O ne a ikobela Jehofa le fa a ne a na le mathata.

THUTO 17

Moshe O ne A Tlhopha go Obamela Jehofa

Mmaagwe Moshe o ne a dira leano la gore Moshe a se ka a bolawa.

THUTO 18

Setlhare se se Tukang

Ke eng fa setlhare se tuka mme se sa she?

THUTO 19

Dipetso Tsa Ntlha Tse Tharo

Faro o ne a tlisetsa batho masetlapelo ka go sa batle go dira sengwe se se motlhofo.

THUTO 20

Dipetso Tse Thataro Tse di Latelang

Dipetso tseno di ne di farologane jang le tsa ntlha tse tharo?

THUTO 21

Petso ya Bolesome

Petso eo e ne e le botlhoko thata mo Faro yo o mabela a neng a ineela.

THUTO 22

Kgakgamatso Kwa Lewatleng le Lehibidu

Faro o kgonne go falola dipetso tse di lesome a mme a o kgonne go falola kgakgamatso ya Modimo?