Matseno a Karolo 6
Fa Baiseraele ba fitlha kwa lefatsheng le Modimo a neng a ba solofeditse lone, ba ne ba obamela Modimo mo motlaaganeng. Baperesiti ba ne ba ruta batho Molao wa Modimo mme baatlhodi ba ne ba kaela setšhaba. Karolo eno e bontsha kafa ditshwetso le ditiro tsa rona di amang batho ba bangwe ka gone. Go ne go na le dilo tse Jehofa a neng a lebeletse gore Moiseraele mongwe le mongwe a di dire le go di direla moagelani wa gagwe. Tlhalosa kafa ditshwetso tsa ga Debora, Naomi, Joshua, Hana, morwadie Jefetha le Samuele di ileng tsa ama ba bangwe ka gone. Gatelela ntlha ya gore batho ba e neng e se Baiseraele ba ba jaaka Rahabe, Ruthe, Jaele le Bagibeone ba ile ba obamela Modimo ka gonne ba itse gore ke ene a thusang Baiseraele.
MO KAROLONG ENO
THUTO 30
Rahabe o Fitlha Ditlhola
Dipota tsa Jeriko di a wa. Mme ntlo ya ga Rahabe yone ga e we le fa e ne e ageletswe mo dipoteng tsa Jeriko.
THUTO 31
Joshua le Bagibeone
Joshua o ne a kopa Modimo a re: “Letsatsi, ema o sa tshikinyege!” A Modimo o ile a mo araba?
THUTO 32
Moeteledipele yo Mosha le Basadi ba Babedi ba ba Pelokgale
Fa Joshua a sena go tlhokafala, Baiseraele ba ne ba simolola go obamela medimo ya maaka. Barake, Debora le Jaele ba ile ba golola Baiseraele mo babeng ba bone.
THUTO 33
Ruthe le Naomi
Basadi ba babedi ba ba swetsweng ke banna ba boela kwa Iseraele. Ruthe o ya go bereka mo tshimong mme o bonwa ke Boase.
THUTO 34
Gidione o Fenya Bamidiana
Baiseraele ba ne ba kopa Jehofa gore a ba namole mo Bamidianeng. Go tlile jang gore masole a ga Gidione a fenye masole a Bamidiana a le 135 000?
THUTO 35
Hana o Rapelela go Nna le Ngwana wa Mosimane
Elekana o tsamaya le Hana, Penina le bana ba gagwe go ya kwa Shilo. Fa ba le koo, Hana o rapelela go nna le ngwana wa mosimane. Samuele o ne a tsholwa morago ga ngwaga.
THUTO 36
Jefetha o Solofetsa Modimo Sengwe
Jefetha o ne a solofetsa Modimo eng mme ka ntlha yang? Ngwana wa ga Jefetha o ne a reng fa a utlwa se rraagwe a se dirileng?
THUTO 37
Jehofa o Bua le Samuele
Bana ba babedi ba ga Eli e ne e le baperesiti mme gone ba sa ikobele melao ya Modimo. Samuele o ne a sa tshwane le bone. Nako nngwe Jehofa o ne a bua le Samuele.
THUTO 38
Jehofa o Naya Samesone Maatla
Modimo o ne a naya Samesone maatla. Fa Delila a sena go mo beola moriri, Bafilisitia ba ne ba mo tshwara. Samesone o diga tempele ya ga Dagone.