Matseno a Karolo 8
Jehofa o ne a segofatsa Solomone ka go dira gore a nne botlhale a bo a mo naya tshiamelo ya go aga tempele, mme ka iketlo, Solomone o ne a tlogela Jehofa. Fa e le gore o na le bana, ba tlhalosetse gore batho ba ba sa dumeleng mo go Jehofa ba dirile jang gore Solomone a tlogele go obamela Jehofa. Bogosi bo ne jwa kgaoganngwa, mme dikgosi tse di sa siamang di ne tsa dira gore setšhaba se tlhanogele Jehofa le go obamela medimo ya maaka. Ka nako eo, baporofeti ba le bantsi ba ga Jehofa ba ne ba bogisiwa le go bolawa. Kgosigadi Jesebele o ne a dira gore batho ba ba neng ba busiwa ke puso ya kwa bokone ba tlhanogele Modimo le go feta. Ka nako eo, go ne go le thata kwa Iseraele. Mme go ne go sa ntse go na le batlhanka ba le bantsi ba ga Jehofa ba ba tshepegang, go akaretsa Kgosi Jehoshafate le moporofeti Elija.
MO KAROLONG ENO
THUTO 49
Kgosigadi E e Sa Siamang e a Otlhaiwa
Jesebele o loga leano la go bolaya Nabothe gore a tseye masimo a gagwe a mofine! Jehofa o lemoga seo.
THUTO 50
Jehofa o Sireletsa Jehoshafate
Kgosi Jehoshafate yo o molemo o rapela Jehofa fa Juda e tlhaselwa ke baba.