Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 52

Masole a ga Jehofa a a Tukang Molelo

Masole a ga Jehofa a a Tukang Molelo

Kgosi ya Siria e bong Bene-hadade o ne a nna a tlhasela Iseraele. Moporofeti Elisha o ne a tlhola a tlhagisa kgosi ya Iseraele, ka jalo, e ne ya kgona go tshaba. Bene-hadade o ne a swetsa ka gore a utswe Elisha. O ne a utlwela gore Elisha o ne a le kwa motseng o o bidiwang Dothane mme a romela masole a Siria gore a ye go mo tshwara.

Baasiria ba ne ba ya kwa Dothane bosigo. Mo mosong, motlhanka wa ga Elisha o ne a tswela kwa ntle mme a lemoga gore motse o ne o dikologilwe ke masole a mantsi. O ne a tshogile thata a bo a goa a re: ‘Elisha, re dire eng?’ Elisha o ne a re: ‘Re bantsi mo go bone.’ Ka yone nako eo, Jehofa o ne a dira gore motlhanka wa ga Elisha a bone gore dithaba tsotlhe mo motseng di tletse dipitse le dikara tsa ntwa tse di nang le molelo.

E rile masole a Siria a leka go tshwara Elisha, ke fa a rapela a re: ‘Jehofa, tsweetswee ba foufatse.’ Ka tshoganyetso fela, le fa ba ne ba kgona go bona, ba ne ba sa itse gore ba kae. Elisha o ne a raya masole ao a re: ‘Lo mo motseng o sele. Ntshalang morago mme ke tla lo isa kwa monneng yo lo mmatlang.’ Ba ne ba sala Elisha morago go fitlha kwa Samarea, kwa kgosi ya Iseraele e neng e nna gone.

Basiria ba ne ba lemoga gore kwa ba leng teng go setse go le thari. Kgosi ya Iseraele e ne ya raya Elisha e re: ‘A ke ba bolaye?’ A Elisha o ne a bona seno e le tshono ya gore le ene a gobatse batho ba ba neng ba batla go mo gobatsa? Nnyaa. Elisha o ne a re: ‘O se ka wa ba bolaya. Ba neye dijo mme o ba tlogele ba tsamaye.’ Kgosi e ne ya dira moletlo o mogolo wa dijo mme a ba tlogela ba tsamaya.

“Mme eno ke tshepo e re nang le yone mo go ene, gore le fa e le eng se re se kopang go dumalana le thato ya gagwe, o a re utlwa.”—1 Johane 5:14