Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POLELO 10

Morwalela o Mogolo

Morwalela o Mogolo

KA KWA ntle ga araka, batho ba ne ba tswelela ka botshelo jwa bone fela jaaka pele. Ba ne ba sa ntse ba sa dumele gore Morwalela o ne o tla tla. Ba tshwanetse ba bo ba ile ba tshega le go feta. Mme go ise go ye kae ba ne ba emisa go tshega.

Ka bonako fela metsi a ne a simolola go tshologa. A ne a tshologa go tswa kwa loaping jaaka fa o tsholola metsi mo kgamelong. Noa o ne a nepile! Mme jaanong go ne go setse go le thari gore motho ope a ka tsena mo arakeng. Jehofa o ne a tswetse lebati la araka thata.

Ka bonako fela lefatshe le ne la khurumediwa ke metsi. Metsi a ne a nna jaaka dinoka tse dikgolo. A ne a diga ditlhare mme a pitikolola maje a magolo, le go dira modumo o mogolo. Batho ba ne ba tshogile. Ba ne ba palamela kwa mafelong a a tsholetsegileng. Ruri ba ne ba eletsa e kete ba ka bo ba ile ba reetsa Noa mme ba tsena mo arakeng fa lebati le ne le sa ntse le bulegile! Mme jaanong go ne go setse go le thari.

Metsi a ne a nna a tlhatlogela kwa godimo. Pula ya tshologa ka malatsi a le 40 le masigo a le 40. Metsi a tlhatlogela kwa godimo ga dithaba mme go ise go ye kae, a khurumetsa le dithaba tse di kwa godimo thata. Ka jalo, fela jaaka Modimo a ne a boletse, batho botlhe le diphologolo tse di neng di le kwa ntle ga araka di ne tsa swa. Mme mongwe le mongwe yo o neng a le mo arakeng o ne a falola.

Noa le bomorwawe ba ne ba dirile tiro e e molemo tota ka go aga araka. Metsi a ne a e tsholeletsa kwa godimo, mme ya kokobala mo godimo ga metsi. Letsatsi lengwe, pula e sena go kgaotsa, letsatsi le ne la simolola go phatsima. Ruri go ne go kgatlha go bona seo! Metsi a ne a tletse gongwe le gongwe. Mme selo se se neng se bonala e ne e le araka e e kokobetseng mo godimo ga metsi.

Diganka di ne di seyo jaanong. Di ne di ka se tlhole di kgona go utlwisa batho botlhoko. Tsotlhe di ne di sule, mmogo le bommaatsone le batho botlhe ba ba bosula. Mme go ne ga direga eng ka borraatsone?

Borraatsone e ne e se batho ba ba tshwanang le rona. E ne e le baengele ba ba neng ba tswa kwa legodimong go tla go tshela e le batho mo lefatsheng. Ka jalo, fa Morwalela o tla, ga ba a ka ba swa le batho ba bangwe botlhe. Ba ne ba tlogela mebele ya batho e ba neng ba itiretse yone mme ba boela gape kwa legodimong e le baengele. Le fa go ntse jalo, ga ba a ka ba tlhola ba letlwa go nna karolo ya lelapa la baengele ba Modimo. Ka jalo, ba ne ba nna baengele ba ga Satane. Mo Baebeleng ba bidiwa badimona.

Jaanong Modimo o ne a dira gore phefo e foke, mme metsi a morwalela a simolola go ngotlega. Dikgwedi di le tlhano moragonyana, araka e ne ya nna mo godimo ga thaba. Go ne ga feta malatsi a le mantsi, mme ba ba neng ba le mo arakeng ba ne ba kgona go leba kwa ntle mme ba bona ditlhoa tsa dithaba. Metsi a ne a nna a ngotlega ka bonya ka bonya.

Go tswa foo Noa o ne a romela nonyane e ntsho e e bidiwang legakabe kwa ntle ga araka. Le ne la fofa ka lobakanyana mme la boa, gonne le ne le sa kgone go bona lefelo le le ka kotamang mo go lone. Le ne la nna le dira jalo mme gangwe le gape fa le boa le ne le kotama mo arakeng.

Noa o ne a batla go bona gore a metsi a kgadile mo lefatsheng, ka jalo mo lekgetlong leno a romela lephoi kwa ntle ga araka. Mme lephoi le lone la boa gonne le ne le sa bone lefelo le le ka kotamang mo go lone. Noa o ne a le romela lekgetlo la bobedi, mme la boa le hupile letlhare la setlhare sa motlhware. Ka jalo, Noa o ne a lemoga gore metsi a fokotsegile. Noa o ne a romela lephoi lekgetlo la boraro, mme kgabagare la bona lefelo le le omileng go kotama mo go lone.

Jaanong Modimo a bua le Noa. A re: ‘Tswa mo arakeng. Tsaya ba lelapa la gago botlhe le diphologolo.’ Ba feditse lobaka lo lo fetang ngwaga ba le mo arakeng. Ka jalo, akanya fela kafa botlhe ba neng ba itumetse ka gone fa ba tswa mo arakeng mme ba kgona go tshela gape!