KAROLO 2
Morwalela go ya Kwa go Gololweng Kwa Egepeto
Ke batho ba le robedi fela ba ba neng ba falola Morwalela, mme fa nako e ntse e ya batho ba ne ba oketsega mme ba nna diketekete. Mme dingwaga di le 352 morago ga Morwalela, Aborahame o ne a tsholwa. Re ithuta kafa Modimo a ileng a boloka tsholofetso ya gagwe ka gone ka go naya Aborahame morwa yo o bidiwang Isake. Go tswa foo, mo go bomorwa Isake ba babedi, Modimo o ne a itlhophela Jakobe.
Jakobe o ne a nna le lelapa le legolo la barwa ba le 12 le barwadi. Barwa ba le 10 ba ga Jakobe ba ne ba tlhoile morwarraabone yo mmotlana e bong Josefa mme ba mo rekisa go nna lekgoba kwa Egepeto. Moragonyana Josefa o ne a nna mmusi wa botlhokwa wa Egepeto. Fa go nna le leuba le legolo, Josefa o ne a leka bomorwarraagwe go bona gore a ba ne ba fetogile. Kgabagare, lelapa lotlhe la ga Jakobe, Baiseraele, ba ne ba fudugela kwa Egepeto. Seno se diragetse dingwaga di le 290 Aborahame a sena go tsholwa.
Baiseraele ba ne ba nna kwa Egepeto dingwaga di le 215. Fa Josefa a sena go swa, ba ne ba dirwa makgoba koo. Fa nako e ntse e ya, Moshe o ne a tsholwa mme Modimo a mo dirisa go golola Baiseraele kwa Egepeto. Ditiragalo tsotlhe tse go buiwang ka tsone mo Karolong ya BOBEDI di diregile mo dingwageng di le 857.
MO KAROLONG ENO
POLELO 12
Batho ba Aga Tora e Kgolo
Modimo o ne a sa itumela, mme kotlhao e a neng a e ntsha e sa ntse e ama batho le gompieno.
POLELO 13
Aborahame—Tsala ya Modimo
Ke eng fa Aborahame a ile a tlogela legae la gagwe la manobonobo mme a fetsa botshelo jotlhe jwa gagwe a nna mo ditenteng?
POLELO 14
Modimo o Leka Tumelo ya ga Aborahame
Ke eng fa Modimo a ne a laela Aborahame gore a ntshe Isake setlhabelo?
POLELO 15
Mosadi wa ga Lote O ne A Gadima Kwa Morago
Se a neng a se dira se ka re ruta thuto ya botlhokwa.
POLELO 16
Isake o Bona Mosadi yo o Molemo
Ke eng se se neng se dira gore Rebeka e nne mosadi yo o molemo? A ke bontle jwa gagwe kgotsa sengwe se sele?
POLELO 17
Mawelana A a Sa Tshwaneng
Rraabone e bong Isake, o ne a rata Esau thata, mme mmaabone e bong Rebeka, o ne a rata Jakobe thata.
POLELO 19
Jakobe O na Le Lelapa le Legolo
A ditso tse 12 tsa Iseraele di teeletswe ka bomorwa Jakobe ba ba 12?
POLELO 20
Dina o Tsena mo Mathateng
Bothata bo ne jwa bakiwa ke go tlhopha ditsala tse di sa siamang.
POLELO 21
Bomogolowe Josefa ba mo Tlhoile
Ke eng se se neng se ka dira gore bangwe ba bone ba batle go bolaya morwarraabone?
POLELO 22
Josefa o Tsenngwa mo Kgolegelong
O tsenngwa mo kgolegelong, e se ka ntlha ya go bo a tlodile molao, mme e le ka gonne a ne a dira se se siameng.
POLELO 23
Ditoro Tsa ga Faro
Dikgomo tse supa le diako tse supa tsa mabele di na le sengwe se di tshwanang ka sone.
POLELO 24
Josefa o Leka Bomogolowe
A ka itse jang gore tota ba fetogile fa e sa le ba mo rekisa gore a nne lekgoba?
POLELO 25
Lelapa le Fudugela Kwa Egepeto
Goreng ba lelapa la ga Jakobe ba bidiwa Baiseraele go na le go bidiwa Bajakobe?
POLELO 26
Jobe o Ikanyega mo Modimong
Jobe o latlhegelwa ke dithoto, o a lwala e bile o swelwa ke bana. A Modimo o ne a mo otlhaya?
POLELO 27
Kgosi e e Bosula e Busa Egepeto
Ke eng fa e laela batho ba yone gore ba bolaye masea otlhe a basimane a Baiseraele?
POLELO 28
Kafa Lesea Moshe le Falotseng ka Gone
Mmaagwe Moshe o bona tsela ya go mo falotsa mo molaong o o neng o re masea otlhe a basimane a Baiseraele a tshwanetse go bolawa.
POLELO 29
Lebaka La go Bo Moshe a Ile a Tshaba
Moshe o ne a akanya gore o ne a setse a siametse go golola Baiseraele fa a ne a na le dingwaga di 40 mme go ne go sa nna jalo.
POLELO 30
Setlhatshana se se Shang
Modimo o dirisa motseletsele wa dikgakgamatso go bolelela Moshe gore nako e gorogile ya gore a ntshe Baiseraele mo Egepeto.
POLELO 32
Dipetso Tse 10
Modimo o ne a tlisa dipetso tse 10 mo Egepeto ka gonne mmusi wa Egepeto e bong Faro a ne a nna tlhogoethata mme a gana go lesa Baiseraele ba tsamaya.
POLELO 33
Go Kgabaganya Lewatle le Lehibidu
Moshe o kgaoganya Lewatle le Lehibidu a dirisa maatla a Modimo mme Baiseraele ba kgabaganya mo lefatsheng le le omileng.