Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POLELO 21

Bomogolowe Josefa ba mo Tlhoile

Bomogolowe Josefa ba mo Tlhoile

A O BONA mosimanyana yono yo o hutsafetseng le yo o se nang tsholofelo? Ke Josefa. Bomogolowe ba sa tswa go mo rekisetsa banna bano ba ba yang Egepeto. Josefa o tla dirwa lekgoba fa a fitlha koo. Ke eng fa bomogolowe ba ile ba dira selo se se bosula jaana? Ke ka gonne ba fufegela Josefa.

Rraabone e bong Jakobe o ne a rata Josefa fela thata. O ne a mmontsha gore o a mo rata ka go laela gore a direlwe seaparo se sentle se seleele. Fa bomogolowe ba ba 10 ba bona kafa Jakobe a neng a rata Josefa ka gone, ba ne ba simolola go mo fufegela le go mo tlhoa. Le fa go ntse jalo, go ne go na le lebaka le lengwe la go bo ba mo tlhoile.

Josefa o ne a lora ditoro tse pedi. Mo ditorong tseno tsotlhe tsa gagwe, bomogolowe ba ne ba ikoba fa pele ga gagwe. Fa Josefa a bolelela bomogolowe ditoro tseno, letlhoo la bone le ne la gola.

Jaanong, letsatsi lengwe fa bomogolowe Josefa ba ntse ba tlhokometse dinku tsa ga rraabone, Jakobe o ne a laela Josefa go ya go bona gore ba ntse ba tsoga jang. Fa bomogolowe Josefa ba mmona, bangwe ba bone ba ne ba re: ‘A re mmolayeng!’ Mme morwa yo mogolo e bong Rubene o ne a re: ‘Nnyaa, lo se ka lwa dira jalo!’ Go na le moo, ba ne ba tshwara Josefa mme ba mo latlhela mo sedibeng se se se nang metsi. Go tswa foo ba ne ba nna fa fatshe mme ba akantshana gore ba ka dira eng ka ene.

Mo e ka nnang ka yone nako eo, go ne ga tla banna bangwe ba Baishemaele. Juda o ne a raya bomorwarraagwe a re: ‘A re mo rekisetseng Baishemaele.’ Mme ba ile ba dira jalo. Ba ne ba rekisa Josefa ka dipapetlana tsa selefera di le 20. A bosetlhogo le bopeloemaswe ruri!

Barwa bano ba tla raya rraabone ba reng? Ba ne ba bolaya podi mme ba nna ba ina seaparo se sentle sa ga Josefa mo mading a yone. Go tswa foo, ba isa seaparo seno kwa gae kwa go rraabone Jakobe ba bo ba re: ‘Re bone seaparo seno. A ko o se sekaseke, mme o bone gore a ga se sa ga Josefa.’

Jakobe o ne a bona gore ke sone. O a lela a ntse a re: ‘Josefa o tshwanetse a bo a bolailwe ke sebatana sa naga.’ Mme ke sone se bomogolowe Josefa ba neng ba batla gore rraabone a se akanye. Jakobe o utlwile botlhoko fela thata. O fetsa malatsi a le mantsi a ntse a lela. Mme gone Josefa ga a swa. A re bone gore go direga eng ka ene kwa a isiwang teng.