Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POLELO 24

Josefa o Leka Bomogolowe

Josefa o Leka Bomogolowe

JOSEFA o batla go bona gore a bomogolowe ba sa ntse ba le setlhogo le go nna peloemaswe. Ka jalo o ba raya a re: ‘Lo ditlhola. Lo tlile go bona gore lefatshe la rona le bokoa fa kae.’

Ba mo raya ba re: ‘Nnyaa, ga re ditlhola. Re banna ba ba ikanyegang. Rotlhe re bana ba motho. Re ne re le 12. Mme morwarraarona yo mongwe ga a tlhole a le gone, mme yo mmotlana o setse le rraarona kwa gae.’

Josefa o itira jaaka e kete ga a ba dumele. O tsenya mogolowe yo o bidiwang Simeone mo kgolegelong, mme o letla ba bangwe gore ba tseye dijo mme ba boele gae. Mme gone, o ba raya a re: ‘Fa lo tla kwano gape, lo tle le morwarraalona yo mmotlana.’

Fa ba goroga kwa gae kwa Kanana, ba bolelela rraabone e bong Jakobe sotlhe se se ileng sa diragala. Jakobe o hutsafetse fela thata. O a lela: ‘Josefa ga a tlhole a le gone, mme jaanong Simeone le ene ga a tlhole a le gone. Ga ke na go lo letla lo tsaya morwaake yo mmotlana, Benjamine.’ Mme fa dijo tsa bone di simolola go fela, Jakobe o tshwanelwa ke go ba letla ba ya le Benjamine kwa Egepeto gore ba tle ba bone dijo tse dingwe.

Jaanong Josefa o bona bomorwarraagwe ba tla. O itumetse tota go bona monnawe e bong Benjamine. Gone mme, ga go ope wa bone yo o lemogang gore monna yono yo o tlotlegang ke Josefa. Jaanong Josefa o dira sengwe go leka bomogolowe ba ba 10.

O laela batlhanka ba gagwe gore ba tlatse dikgetsi tsa bomorwarraagwe ka dijo. Mme bomogolowe ba sa itse, o laela gore senwelo sa gagwe se se kgethegileng sa selefera se tsenngwe mo kgetsing ya ga Benjamine. Fa botlhe ba sena go tsamaya mme ba setse ba tsamaile sekgalanyana, Josefa o laela batlhanka ba gagwe gore ba ba sale morago. Fa batlhanka ba tshwara bomorwarraagwe Josefa, ba ba raya ba re: ‘Ke ka ntlha yang fa lo utswile senwelo sa selefera sa mong wa rona?’

Bomorwarraagwe botlhe ba re: ‘Ga re a utswa senwelo sa gagwe. Fa lo ka bona senwelo seo mo go mongwe wa rona, motho yoo a a bolawe.’

Ka jalo, batlhanka ba phuruphutsha mo dikgetsing tsotlhe, mme ba fitlhela senwelo mo kgetsing ya ga Benjamine, jaaka fa o bona mo setshwantshong. Batlhanka ba re: ‘Lona lotlhe lo ka tsamaya, mme Benjamine ene a tle le rona.’ Jaanong bomogolowe Josefa ba ba 10 ba tla dirang?

Botlhe ba boela le Benjamine kwa ntlong ya ga Josefa. Josefa o raya bomogolowe a re: ‘Lona lotlhe lo ka ya gae, mme Benjamine ene o a sala go nna motlhanka wa me.’

Jaanong Juda a re: ‘Fa nka boela gae mosimane a seyo, rre o tla swa gonne o mo rata fela thata. Ke a go kopa tsweetswee, dira nna motlhanka wa gago, mme o letle mosimane a ye gae.’

Josefa o kgona go bona gore bomogolowe ba fetogile. Ga ba tlhole ba le setlhogo e bile ga ba peloemaswe. Mma re bone se Josefa a se dirang jaanong.