Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POLELO 20

Dina o Tsena mo Mathateng

Dina o Tsena mo Mathateng

A O BONA gore Dina o ya go etela bomang? O ya go etela basetsana bangwe ba ba nnang mo nageng ya Kanana. A rraagwe e bong Jakobe o tla itumelela seno? Go go thusa go araba potso eno, leka go gakologelwa kafa Aborahame le Isake ba neng ba ikutlwa ka gone ka basadi ba Bakanana.

A Aborahame o ne a batla gore morwawe e bong Isake a nyale mosetsana wa Mokanana? Nnyaa, o ne a sa batle. A Isake le Rebeka ba ne ba batla gore morwa wa bone e bong Jakobe a nyale mosetsana wa Mokanana? Nnyaa, ba ne ba sa batle. A o itse gore ka ntlha yang?

E ne e le ka gonne batho ba Kanana ba ne ba obamela medimo ya maaka. Ba ne ba sa siama gore motho a ka ba tsaya go nna monna kgotsa mosadi wa bone, e bile ba ne ba sa siama gore motho a ka tsalana le bone. Ka jalo, ruri Jakobe o ne a se kitla a itumelela go bona morwadie a tsalana le basetsana bano ba Bakanana.

Ruri Dina o ne a itsenya mo mathateng. A o bona monna yoo wa Mokanana yo o mo setshwantshong seno yo o lebileng Dina? Leina la gagwe ke Shekema. Letsatsi lengwe fa Dina a tlile go eta, Shekema o ne a mo tsaya mme a mo pateletsa go robala le ene. Seno se ne se le phoso ka gonne banna le basadi ba ba nyalaneng ke bone fela ba tshwanetseng go robala mmogo. Selo seno se se bosula se Shekema a neng a se dira Dina, se ne sa baka mathata a mangwe a mantsi.

Fa bokgaitsadie Dina ba utlwa se se diregileng, ba ne ba galefa fela thata. Ba le babedi ba bone e bong Simeone le Lefi, ba ne ba galefa thata mo ba neng ba tsaya ditšhaka, ba ya kwa motseng wa gaabo Shekema mme ba tlhasela banna ba teng ba sa lebelela. Bone mmogo le bomorwarraabone ba bangwe ba ne ba bolaya Shekema le banna ba bangwe botlhe. Jakobe o ne a utlwa botlhoko gonne bomorwawe ba dirile selo se se bosula jaana.

Mathata ano otlhe a simologile jang? Ka gore Dina a itsalanye le batho ba ba sa obameleng melao ya Modimo. Ga re batle go nna le ditsala tse di ntseng jalo, a ga go jalo?