Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POLELO 33

Go Kgabaganya Lewatle le Lehibidu

Go Kgabaganya Lewatle le Lehibidu

BONA gore go direga eng! Ke Moshe, o otlololetse thobane ya gagwe mo Lewatleng le Lehibidu. Batho ba ba nang le ene mo letlhakoreng le lengwe ba ba falotseng ke Baiseraele. Mme Faro le batlhabani botlhe ba gagwe ba nwela mo lewatleng. Mma re bone gore seno se diregile jang.

Jaaka re ithutile, Faro o ne a laela Baiseraele gore ba tswe mo Egepeto fa Modimo a sena go tlisetsa Baegepeto petso ya bo10. Go ne ga tsamaya mo e ka nnang banna ba Baiseraele ba le 600 000 le basadi le bana ba le bantsi. Batho ba bangwe gape ba bantsintsi ba ba neng ba dumela mo go Jehofa, ba ne ba tsamaya le Baiseraele. Botlhe ba ne ba tsamaya le dinku le dipodi le dikgomo tsa bone.

Pele Baiseraele ba tsamaya, ba ne ba kopa Baegepeto gore ba ba neye diaparo le dilwana dingwe tse di dirilweng ka gauta le selefera. Baegepeto ba ne ba tshositswe thata ke petso ya bofelo e e neng ya ba tlela. Ka jalo, ba ne ba naya Baiseraele sengwe le sengwe se ba neng ba se kopa.

Morago ga malatsi a se kae, Baiseraele ba ne ba goroga kwa Lewatleng le Lehibidu. Ba ne ba ikhutsa foo. Mo go yone nako eo, Faro le banna ba gagwe ba ne ba simolola go ikwatlhaela go bo ba lesitse Baiseraele ba tsamaya. Ba ne ba re: ‘Re tlogetse batlhanka ba rona ba tsamaya.’

Ka jalo, Faro o ne a fetola mogopolo gape. Ka bonako fela, o ne a baakanya kara ya gagwe ya ntwa le batlhabani ba gagwe. Go tswa foo, ba lelekisa Baiseraele ka dikara tsa bone tsa ntwa tse di kgethegileng di le 600, mmogo le dikara tse dingwe tsotlhe tsa ntwa tsa Egepeto.

Fa Baiseraele ba bona Faro le batlhabani ba gagwe ba tla ba ba lelekisitse, ba ne ba tshoga fela thata. Ba ne ba se na kwa ba ka tshabelang teng. Kwa pele ga bone e ne e le Lewatle le Lehibidu, mme kwa morago ga bone Baegepeto ba tla ba ba lebile. Mme Jehofa o ne a dira gore go nne le leru fa gare ga batho ba gagwe le Baegepeto. Ka jalo, Baegepeto ba ne ba sa kgone go tlhasela Baiseraele ka gonne ba sa ba bone.

Jehofa o ne a laela Moshe gore a otlololele thobane ya gagwe mo Lewatleng le Lehibidu. Fa a dira jalo, Jehofa o ne a dira gore go foke phefo e e maatla ya botlhaba. Metsi a ne a kgaogana ka bogare, mme a ema mo matlhakoreng oomabedi.

Morago ga moo, Baiseraele ba simolola go kgabaganya lewatle ba tsamaya mo lefatsheng le le omileng. Go tsere diura tse dintsintsi gore dimilione tsa batho le diphologolo tsotlhe tsa bone, ba kgabaganyetse mo letlhakoreng le lengwe ka pabalesego. Kgabagare Baegepeto ba ne ba kgona go bona Baiseraele gape. Batlhanka ba bone ba ne ba ile! Ka jalo, ba itatlhela mo lewatleng ba ba lelekisa.

Fa ba dira jalo, Modimo a dira gore maotwana a dikara tsa bone a somoge. Baegepeto ba ne ba tshoga fela thata mme ba goa ba re: ‘Jehofa o tlhabanela Baiseraele kgatlhanong le rona. A re tsweng fano!’ Mme go ne go setse go le thari.

Ka nako eo ke fa Jehofa a laela Moshe gore a otlololele thobane ya gagwe mo Lewatleng le Lehibidu, jaaka o bone mo setshwantshong. Mme fa Moshe a dira jalo, dipota tsa metsi di ne tsa boa mme tsa khurumetsa Baegepeto le dikara tsa bone. Batlhabani botlhe ba ne ba tsene mo lewatleng ba latela Baiseraele. Mme Baegepeto bano ba ne ba swa botlhe!

Ruri batho botlhe ba Modimo ba ne ba itumetse tota go bo ba bolokesegile! Banna ba ne ba opelela Jehofa pina ya go mo leboga, ba re: ‘Jehofa o fentse ka phenyo e kgolo. O latlhetse dipitse le bapagami ba tsone mo lewatleng.’ Kgaitsadie Moshe e bong Miriame, o ne a tsaya moropana wa gagwe mme basadi ba bangwe botlhe ba mo sala morago ka meropana ya bone. Mme fa ba ntse ba bina ka boipelo, ba ne ba opela yone pina e banna ba neng ba e opela: ‘Jehofa o fentse ka phenyo e kgolo. O latlhetse dipitse le bapagami ba tsone mo lewatleng.’