Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KAROLO 3

Go Gololwa Kwa Egepeto go Fitlha ka Kgosi ya Ntlha ya Iseraele

Go Gololwa Kwa Egepeto go Fitlha ka Kgosi ya Ntlha ya Iseraele

Go Gololwa Kwa Egepeto go Fitlha ka Kgosi ya Ntlha ya IseraeleMoshe o ne a etelela Baiseraele pele go tswa kwa botsharwa kwa Egepeto go ya kwa Thabeng ya Sinai, kwa Modimo a ileng a ba naya melao ya gagwe gone. Moragonyana, Moshe o ne a romela banna ba le 12, go ya go tlhola lefatshe la Kanana. Mme ba le 10 ba bone ba ne ba tlisa pego e e sa siamang. Ba ne ba dira gore batho ba batle go boela kwa Egepeto. Ka go bo Baiseraele ba ne ba se na tumelo, Modimo o ile a ba otlhaya ka go dira gore ba kgarakgatshege mo nageng ka dingwaga di le 40.

Kgabagare Joshua o ne a tlhophiwa go etelela Baiseraele pele go ya kwa lefatsheng la Kanana. Go ba thusa go gapa lefatshe leo, Jehofa o ne a dira dikgakgamatso. O ne a dira gore metsi a Noka ya Joredane a se ka a ela, dipota tsa Jeriko di ne tsa wa, mme letsatsi le ne la ema fela le sa sute motshegare otlhe. Morago ga dingwaga di le thataro, Bakanana ba ne ba tseelwa lefatshe.

Go simolola ka Joshua, Baiseraele ba ne ba busiwa ke baatlhodi dingwaga di le 356. Re tla ithuta ka bangwe ba bone ba ba jaaka Barake, Gideone, Jefetha, Samesone le Samuele. Gape re tla bala ka basadi ba ba jaaka Rahabe, Debora, Jaele, Ruthe, Naomi le Delila. Karolo ya BORARO e akaretsa ditiragalo tse di diragetseng mo dingwageng di le 396.

 

MO KAROLONG ENO

POLELO 34

Mofuta o Mosha wa Dijo

Dijo tseno tse di kgethegileng tse di tswang kwa Modimong di wa di tswa kwa legodimong.

POLELO 35

Jehofa o Ntsha Melao ya Gagwe

Ke melao efe e mebedi e megolo go gaisa Melao e e Lesome?

POLELO 36

Namane ya Gauta

Goreng batho bano ba ka obamela sefikantswe se se dirilweng ka manyena a a nyerolositsweng?

POLELO 37

Tente ya Kobamelo

Phaposi ya yone e e kwa tengteng e ne e na le letlole la kgolagano.

POLELO 38

Ditlhola Tse 12

Ditlhola di le 10 di bua se se tshwanang mme tse pedi di bua se se farologaneng. Baiseraele ba dumela bomang?

POLELO 39

Thobane ya ga Arone e Mela Dithunya

Go ka tla jang gore logong lo lo omeletseng lo mele dithunya le maungo a a buduleng mo bosigong bo le bongwe?

POLELO 40

Moshe o Itaya Lefika

Moshe o ne a kgona go dira kgakgamatso mme gone Jehofa o ne a mo galefela.

POLELO 41

Noga ya Kgotlho

Goreng Modimo a ka romela dinoga tse di botlhole gore di lome Baiseraele?

POLELO 42

Esele e a Bua

Esele e bona sengwe se Balaame ene a sa se boneng.

POLELO 43

Joshua o Nna Moeteledipele

Moshe o sa ntse a nonofile, goreng go tlhomiwa Joshua mo boemong jwa gagwe?

POLELO 44

Rahabe o Fitlha Ditlhola

Rahabe o thusa banna ba babedi jang, mme o kopa gore ba mo direle eng?

POLELO 45

Ba Kgabaganya Noka ya Joredane

Go direga kgakgamatso fa baperesiti ba tsena mo nokeng.

POLELO 46

Dipota Tsa Jeriko

Mogala o ka dira jang gore lobota lo se ka lwa wa?

POLELO 47

Legodu mo Iseraele

A monna a le mongwe a ka dira gore setšhaba sotlhe se welwe ke masetlapelo?

POLELO 48

Bagibeone ba ba Botlhale

Ba tsietsa Joshua le Baiseraele gore ba ba solofetse sengwe, mme Baiseraele ba diragatsa tsholofetso eo.

POLELO 49

Letsatsi le Ema le sa Sute

Jehofa o direla Joshua sengwe se e neng e le la ntlha le labofelo se direga.

POLELO 50

Basadi ba Babedi ba ba Pelokgale

Barake ke ene a etelelang pele sesole sa Iseraele go ya ntweng, mme gone ke eng fa Jaele e le ene a galalediwang?

POLELO 51

Ruthe le Naomi

Ruthe o tlogela naga ya gaabo gore a ye go nna le Naomi mme a direle Jehofa.

POLELO 52

Gideone le Banna ba Gagwe ba le 300

Modimo o tlhopha maloko a sesole seno se sennye a dirisa teko nngwe e e sa tlwaelegang ya go nwa metsi.

POLELO 53

Tsholofetso ya ga Jefetha

Tsholofetso e a e diretseng Jehofa e ne e sa ame ene fela mme gape e ne e ama le morwadie.

POLELO 54

Monna yo o Nonofileng go Gaisa Botlhe

Delila o ne a itse jang sephiri sa maatla a ga Samesone?

POLELO 55

Mosimanyana o Direla Modimo

Modimo o dirisa Samuele yo mmotlana go isa molaetsa o o botlhoko kwa go Eli Moperesiti yo Mogolo.