Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POLELO 40

Moshe o Itaya Lefika

Moshe o Itaya Lefika

DINGWAGA di ntse di feta—dingwaga tse 10, dingwaga tse 20, dingwaga tse 30, dingwaga tse 39! Le fa go ntse jalo, Baiseraele ba sa ntse ba le mo nageng. Mme mo dingwageng tseno tsotlhe Jehofa o ntse a tlhokomela batho ba gagwe. O ba tlamela ka mana. Motshegare o ba etelela pele ka pilara ya leru mme bosigo ka pilara ya molelo. Mme mo dingwageng tseno tsotlhe, diaparo tsa bone ga di onale e bile dinao tsa bone ga di ruruge.

Ke kgwedi ya ntlha mo ngwageng wa bo40 fa e sa le ba tswa kwa Egepeto. Baiseraele ba thibeletse gape kwa Kadeshe. Lone lefelo le ba neng ba le kwa go lone fa ditlhola tse 12 di ne di romelwa go ya go tlhola lefatshe la Kanana, mo e ka nnang dingwaga tse 40 tse di fetileng. Kgaitsadie Moshe e bong Miriame o swela mo Kadeshe. Mme fela jaaka mo nakong e e fetileng, go na le bothata gape.

Batho ga ba na metsi. Ka jalo, ba ngongoregela Moshe ba re: ‘Go ka bo go le botoka fa re ka bo re sule. Ke ka ntlha yang fa o re ntshitse kwa Egepeto wa re tlisa mo lefelong leno le le maswe le le sa meleng sepe? Ga go na mabele, ga go na difeige, ga go na digaranata. Tota e bile ga go na le metsi a go nwa.’

Fa Moshe le Arone ba ya kwa motlaaganeng go ya go rapela, Jehofa o raya Moshe a re: ‘Phutha batho. Mme fa pele ga bone botlhe, o bue le lefika leo. Go tla tswa metsi a a lekaneng mo go lone gore batho ba nwe le diphologolo tsotlhe tsa bone.’

Ka jalo, Moshe o phutha batho, mme o ba raya a re: ‘Reetsang, lona batho ba lo sa ikanyeng Modimo! A nna le Arone re ka lo ntshetsa metsi mo lefikeng leno?’ Go tswa foo, Moshe o itaya lefika gabedi mme metsi a mantsi a tshologa mo lefikeng. Go na le metsi a a lekaneng mo batho le diphologolo tsotlhe ba kgonang go nwa.

Jehofa o galefetse Moshe le Arone fela thata. A o itse gore ka ntlha yang? Ke ka gonne Moshe le Arone ba ne ba re bone ba tlile go ntsha metsi mo lefikeng. Mme tota e ne e le Jehofa yo o a ntshitseng. E re ka Moshe le Arone ba sa ka ba bolelela batho boammaaruri ka ga seno, Jehofa o ne a re o tlile go ba otlhaya. O ba raya a re: ‘Ga lo kitla lo tsenya batho ba me mo lefatsheng la Kanana.’

Kgabagare Baiseraele ba tloga mo Kadeshe. Mme go ise go ye kae ba goroga mo Thabeng ya Hore. Arone o swela kwa godimo ga thaba eo. O swa a le dingwaga di le 123. Baiseraele ba hutsafetse fela thata, mme batho botlhe ba lelela Arone malatsi a le 30. Morwawe e bong Eliasare e nna ene moperesiti yo mogolo wa setšhaba sa Iseraele.