KAROLO 4
Kgosi ya Ntlha ya Iseraele go Fitlha ka Botshwarwa Kwa Babelona
Saulo o ne a nna kgosi ya ntlha ya Iseraele. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a mo latlha, mme Dafide a tlhophiwa go nna kgosi mo boemong jwa gagwe. Re tlile go ithuta dilo di le dintsi ka Dafide. Fa a sa ntse a le mosha o ne a lwa le seganka se se bidiwang Goliathe. Moragonyana o ne a tshaba ka ntlha ya ga Kgosi Saulo yo o lefufa. Go tswa foo, Abigaile yo o botlhale o ne a mo thusa gore a se ka a dira tiro nngwe ya boeleele.
Gape re tla ithuta dilo di le dintsi ka morwa wa ga Dafide e bong Solomone, yo o ileng a nna kgosi ya Iseraele morago ga ga Dafide. Nngwe le nngwe ya dikgosi tsa ntlha tse tharo tsa Iseraele e ne ya busa dingwaga di le 40. Morago ga loso lwa ga Solomone, Iseraele e ne ya kgaoganngwa go nna magosi a le mabedi, bogosi jwa bokone le jwa borwa.
Bogosi jwa bokone jwa ditso tse 10 bo ne jwa busa dingwaga di le 257 pele ga bo senngwa ke Baasiria. Mme dingwaga di le 133 moragonyana, bogosi jwa borwa jwa ditso tse pedi le jone bo ne jwa senngwa. Ka nako eo Baiseraele ba ne ba isiwa botshwarwa kwa Babelona. Ka jalo, Karolo ya BONÈ e akaretsa dingwaga di le 510, tse mo go tsone go diregileng dilo di le dintsi tse o tla itumelelang go bala ka tsone.
MO KAROLONG ENO
POLELO 56
Saulo—Kgosi ya Ntlha ya Iseraele
Kgang ya gore kwa tshimologong Saulo o ne a tlhophiwa ke Modimo mme moragonyana a bo a sa tlhole a mo amogela, e ka re ruta thuto ya botlhokwa.
POLELO 57
Modimo o Tlhopha Dafide
Ke eng se Modimo a se bonang mo go Dafide se moporofeti Samuele a sa se boneng?
POLELO 58
Dafide le Goliathe
Dafide o ne a lwantsha Goliathe a sa dirise motsekedi fela, mme o ne a dirisa sebetsa se se maatla go gaisa.
POLELO 59
Lebaka La go Bo Dafide a Tshwanetse go Tshaba
Kwa tshimologong Saulo o ne a itumeletse Dafide, mme o simolola go mo fufegela mo a batlang go mo bolaya. Ka ntlha yang?
POLELO 60
Abigaile le Dafide
Abigaile o bitsa monna wa gagwe seeleele, mme gone seno se boloka botshelo jwa monna wa gagwe—ka nakwana.
POLELO 61
Dafide o Dirwa Kgosi
Dafide o itshupa gore o tshwanelega go nna kgosi ya Iseraele ka se a se dirang le se a ganang go se dira.
POLELO 62
Mathata mo Ntlong ya ga Dafide
Ka ntlha ya phoso e lengwe e e masisi, Dafide o tlisetsa ene le ba lelapa la gagwe mahutsana a a ba amang ka dingwagangwaga.
POLELO 64
Solomone o Aga Tempele
Le fa Solomone a ne a le botlhale thata, o ne a tlhotlhelediwa gore a dire sengwe sa boeleele e bile se le phoso.
POLELO 65
Bogosi bo a Kgaoganngwa
Ka bonako fela fa Jeroboame a sena go simolola go busa, o dira gore batho ba tlole molao wa Modimo.
POLELO 67
Jehoshafate o Ikanya Jehofa
Goreng sesole se ka ya ntweng se eteletswe pele ke baopedi ba ba sa tsholang dibetsa?
POLELO 68
Basimane ba Babedi ba ba Neng ba Tshela Gape
A go ka kgonega gore motho yo o suleng a tsosiwe gape? Go kile ga direga jalo!
POLELO 69
Mosetsanyana o Thusa Monna yo o Tlotlegang
O ne a nna le bopelokgale jwa go bua, mme seno se ne sa felela ka kgakgamatso.
POLELO 70
Jona le Tlhapi e Kgolo
Jona o ile a ithuta thuto ya botlhokwa e e malebana le go dira se Jehofa a se buang.
POLELO 71
Modimo o Solofetsa Paradaise
Paradaise ya ntlha e ne e le nnye; mme eno e tla tlala lefatshe lotlhe.
POLELO 72
Modimo o Thusa Kgosi Hesekia
Mo bosigong bo le bongwe, moengele o bolaya masole a Asiria a le 185 000.
POLELO 73
Kgosi ya Bofelo e e Siameng mo Iseraele
Fa Josia a sa ntse a le mosha, o ne a tsaya kgato e e bontshang bopelokgale.
POLELO 74
Monna Yo o Sa Boifeng Sepe
Jeremia o ne a akanya gore o sa ntse a le monnye go ka nna moporofeti, mme Modimo ene o ne a itse gore a ka kgona tiro eo.
POLELO 75
Basimane ba Banè Kwa Babelona
Ba ne ba atlega le fa ba ne ba kgaogantswe le ba malapa a bone.
POLELO 76
Jerusalema e a Senngwa
Goreng Modimo a letla baba ba Baiseraele, Bababelona, ba senya Jerusalema?