Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POLELO 66

Jesebele—Kgosigadi e e Bosula

Jesebele—Kgosigadi e e Bosula

FA KGOSI Jeroboame a sena go swa, dikgosi tsotlhe tse di busang mo bogosing jwa bokone jwa ditso tse 10 tsa Iseraele di bosula. Kgosi Ahabe o bosula go ba feta botlhe. A o itse gore ka ntlha yang? Mosadi wa gagwe e bong Kgosigadi Jesebele, ke ene a dirang gore a nne bosula le go feta.

Jesebele ga se Moiseraele. Ke morwadia kgosi ya Sidona. O obamela modingwana wa maaka e bong Baale, mme o dira gore Ahabe le Baiseraele ba bangwe ba bantsi le bone ba obamela Baale. Jesebele o tlhoile Jehofa e bile o bolaya baporofeti ba le bantsi ba ga Jehofa. Bangwe ba bone ba tshwanelwa ke go iphitlha mo dikgageng gore ba se ka ba bolawa. Fa Jesebele a batla sengwe, ga a tshabe go bolaya motho fela gore a se bone.

Letsatsi lengwe Kgosi Ahabe o hutsafetse fela thata. Ka jalo, Jesebele o mmotsa jaana: ‘Ke ka ntlha yang fa o hutsafetse jaana gompieno?’

Ahabe o araba jaana: ‘Ke ka ntlha ya se Nabothe a se buileng. Ke ne ke batla go reka tshimo ya gagwe ya mofine. Mme o ne a nthaya a re ga a kitla a mpha yone.’

Jesebele o mo raya a re: ‘Se tshwenyege. Ke tla dira gore e nne ya gago.’

Ka jalo, Jesebele o kwalela dikgosana tsa motse o Nabothe a nnang kwa go one makwalo. O ba raya a re: ‘Batlang banna ba ba se nang mosola mme ba bue gore Nabothe o rogile Modimo le kgosi. Go tswa foo lo tseye Nabothe mme lo mo ntshetse kwa ntle ga motse, lo mo kgobotletse ka maje go fitlha a swa.’

Fela fa Jesebele a sena go utlwa gore Nabothe o sule, o raya Ahabe a re: ‘Jaanong tsamaya o ye go tsaya tshimo ya gagwe ya mofine.’ A ga o akanye gore Jesebele o tshwanetse go otlhaelwa go dira selo seno se se bosula?

Ka jalo, fa nako e ntse e ya, Jehofa o romela monna mongwe yo o bidiwang Jehu gore a ye go mo otlhaya. Fa Jesebele a utlwa gore Jehu o a tla, o ipenta matlho a bo a leka go ipaakanya gore a nne montle. Fa Jehu a goroga mme a bona Jesebele a ntse mo fensetereng, o goa banna ba ba mo ntlong ya segosi o ba raya a re: ‘Mo digeleng kwa tlase!’ Banna ba a mo reetsa, jaaka fa o bona mo setshwantshong. Ba mo latlhela kwa tlase mme o a swa. Se ke bokhutlo jwa Kgosigadi e e bosula e bong Jesebele.