Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POLELO 64

Solomone o Aga Tempele

Solomone o Aga Tempele

PELE Dafide a swa, o ne a bolelela Solomone tsela e Modimo a neng a batla gore a age tempele ya Gagwe ka yone. Mo ngwageng wa bonè wa puso ya gagwe, Solomone o simolola go aga tempele mme go mo tsaya dingwaga di le supa le halofo gore a e fetse. Banna ba le diketekete ba aga tempele mme kago eo e ja madi a le mantsi. Seno ke ka gonne go dirisitswe gauta le selefera e ntsi.

Tempele e na le dikamore tse pedi tse dikgolo tse di tshwanang le tsa motlaagana. Mme gone, dikamore tseno di feta tsa motlaagana go menagane gabedi. Solomone o dira gore letlole la kgolagano le tsenngwe mo kamoreng e e kwa teng ya tempele, mme dilo dingwe tse di neng di le mo motlaaganeng di tsenngwa mo kamoreng e nngwe.

Fa tempele e sena go wediwa, go nna le mokete o mogolo. Jaaka o bona mo setshwantshong, Solomone o khubama mo tempeleng a bo a rapela. Solomone o raya Jehofa a re: ‘Tota le magodimo a a leng magolo ga a lekana go go tshola, mme ruri tempele eno yone e nnye tota gore e ka go tshola. Mme gone, tsweetswee Modimo wa me, reetsa batho ba gago fa ba rapela mo lefelong leno.’

Fa Solomone a sena go rapela, molelo o tswa kwa legodimong. O fisa ditlhabelo tsa diphologolo tse di dirilweng. Mme lesedi le legolo le le tswang kwa go Jehofa le tlala mo tempeleng. Seno se bontsha gore Jehofa o reeditse le gore o itumelela tempele le thapelo ya ga Solomone. Jaanong batho ga ba tlhole ba ya kwa motlaaganeng, go na le moo ba ya kwa tempeleng go ya go obamela Jehofa.

Solomone o busa batho ka tsela e e botlhale ka lobaka lo loleele, mme batho ba itumetse. Le fa go ntse jalo, Solomone o nyala basadi ba le bantsi ba ba tswang kwa dinageng tse dingwe mme ba sa obamele Jehofa. A o bona mongwe wa bone a obamela modingwana yo o itiretsweng? Kgabagare basadi ba ga Solomone ba dira gore a obamele medimo e mengwe. A o itse gore go direga eng fa Solomone a dira seno? Ga a tlhole a tshwara batho sentle. O nna setlhogo mme batho ga ba tlhole ba itumetse.

Seno se dira gore Jehofa a galefele Solomone mme o mo raya a re: ‘Ke tla go tseela bogosi mme ke bo neye motho yo mongwe. Ga nkitla ke dira seno fa o sa ntse o tshela, mme ke tla se dira fa go busa morwao. Mme ga nkitla ke tseela morwao batho botlhe ba ba mo pusong ya gagwe.’ A re bone gore seno se direga jang.