Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POLELO 82

Moredekai le Esethere

Moredekai le Esethere

A RE bone se se ileng sa direga dingwaga di le mmalwa pele Esera a ya Jerusalema. Moredekai le Esethere ke Baiseraele ba ba tlotlegang thata mo bogosing jwa Peresia. Esethere ke kgosigadi, mme ntsalae e bong Moredekai ene ke monna yo o tlotlegang, yo o fetwang fela ke kgosi ka maemo. A re bone gore seno se diregile jang.

Batsadi ba ga Esethere ba ile ba tlhokafala a sa ntse a le monnye thata, ka jalo o ne a godisiwa ke Moredekai. Kgosi ya Peresia e bong Ahasueruse o na le ntlo ya segosi kwa motseng wa Shushane, mme Moredekai ke mongwe wa batlhanka ba gagwe. Letsatsi lengwe mosadi wa kgosi e bong Fasheti ga a ikobele kgosi, ka jalo kgosi e tlhopha mosadi yo mongwe gore a nne kgosigadi ya gagwe. A o itse gore o ile a tlhopha mang? Lekgarejana le lentle le le bidiwang Esethere.

A o bona monna yono yo o mabela yo batho ba mo obamelang? Ke Hamane. Ke monna yo o tlotlegang thata mo Peresia. Hamane o batla gore Moredekai, yo o mmonang a ntse fa fatshe, le ene a mo obamele. Mme Moredekai ga a dire jalo. O akanya gore ga go a siama gore a obamele monna yono yo o bosula. Seno se galefisa Hamane fela thata. Ka jalo, o dira seno.

Hamane o bolelela kgosi maaka ka Baiseraele. O mo raya a re: ‘Ke batho ba ba bosula ba ba sa ikobeleng melao ya gago. Ba tshwanetse go bolawa.’ Ahasueruse ga a itse gore mosadi wa gagwe e bong Esethere ke Moiseraele. Ka jalo, o reetsa Hamane mme o laela gore go dirwe molao wa gore mo letsatsing le le rileng Baiseraele botlhe ba bolawe.

Fa Moredekai a utlwa ka molao ono, o hutsafala fela thata. O romelela Esethere molaetsa o o reng: ‘O tshwanetse go bolelela kgosi mme o mo kope gore a re boloke.’ Go ya ka molao wa Baperesia ga o ka ke wa ya go bona kgosi e sa go bitsa. Le fa go ntse jalo, Esethere o a ya le fa a sa bidiwa. Kgosi e otlololela lore lwa yone lwa gauta kwa go ene, go bontsha gore ga a tshwanela go bolawa. Esethere o laletsa kgosi le Hamane kwa moletlong o mogolo wa dijo. Fa ba le koo, kgosi e botsa Esethere gore o batla a mo direla eng. Esethere o raya kgosi a re o tla mmolelela fela fa ene le Hamane ba ka tla gape kwa moletlong wa dijo mo letsatsing le le latelang.

Kwa moletlong oo wa dijo, Esethere o raya kgosi a re: ‘Nna le batho ba gaetsho re tlile go bolawa.’ Kgosi e galefile. E botsa gore: ‘Tota ke mang yo o batlang go dira selo seno se se bosula?’

Esethere o mo raya a re: ‘Monna yoo yo o bosula wa mmaba ke Hamane!’

Jaanong kgosi e galefile fela thata. E laela gore Hamane a bolawe. Morago ga moo, kgosi e tlhoma Moredekai gore a nne monna yo o tlotlegang, yo o fetwang ke ene fela ka maemo. Jaanong Moredekai o tlhomamisa gore go dirwa molao o mosha o o letlang Baiseraele go itwela mo letsatsing le ba tshwanetseng go bolawa mo go lone. E re ka jaanong Moredekai e le monna yo o tlotlegang, batho ba le bantsi ba thusa Baiseraele, mme ba sirelediwa mo babeng ba bone.

Buka ya Baebele ya Esethere.