Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POLELO 93

Jesu o Fepa Batho ba le Bantsi

Jesu o Fepa Batho ba le Bantsi

GO DIRAGETSE sengwe se se utlwisang botlhoko thata. Johane mokolobetsi o sa tswa go bolawa. Mosadi wa kgosi e bong Herodiase o ne a sa mo rate. Mme a tlhotlheletsa kgosi gore e laele gore Johane a kgaolwe tlhogo.

Fa Jesu a utlwa ka seno, o hutsafala fela thata. O ya kwa lefelong le le kwa thoko a le nosi. Le fa go ntse jalo, batho ba mo sala morago. Fa Jesu a bona boidiidi, o ba utlwela botlhoko. Ka jalo o bua le bone ka bogosi jwa Modimo e bile o alafa le balwetse ba bone.

Mo maitseboeng ao barutwa ba gagwe ba tla kwa go ene mme ba mo raya ba re: ‘Go setse go le bosigo, mme lefelo leno le kwa thoko. Laela batho bano gore ba tsamaye ba ye go ipatlela dijo mo metseng e e gaufi.’

Jesu o ba raya a re: ‘Ga ba tlhoke go tsamaya, ba neyeng sengwe ba je.’ Jesu o leba Filipo a bo a re: ‘Re tla reka kae dijo tse di lekaneng gore re fepe batho bano botlhe?’

Filipo o mo raya a re: ‘Go tla tlhokega madi a mantsi thata go reka dijo tse di lekaneng gore botlhe ba kgone go ja go le gonnye fela.’ Anderea a re: ‘Mosimanyana yono yo o tshotseng dijo tsa rona o na le dinkgwe di le tlhano le ditlhapi di le pedi. Le fa go ntse jalo, ga di ka ke tsa lekana batho bano botlhe.’

Jesu a re: ‘Rayang batho ba nne fa fatshe mo bojannyeng.’ O rapelela dijo tseno, mme a bo a simolola go di ngathoganya. Go tswa foo barutwa ba abela batho botlhe dinkgwe le ditlhapi. Go na le banna ba le 5 000 le basadi le bana ba le diketekete. Botlhe ba a ja ba bo ba kgora. Mme fa barutwa ba kokoanya manathwana a a setseng, a tlala diroto di le 12!

Jaanong Jesu o laela barutwa ba gagwe gore ba tsene mo mokorong mme ba kgabaganye Lewatle la Galalea. Mo bosigong joo go tsoga phefo e kgolo mme e phaila mokoro e o isa kwa le kwa. Barutwa ba tshogile fela thata. Mme mo gare ga bosigo, ba bona mongwe a tsamaya mo godimo ga metsi a tla kwa go bone. Ba goa ba tshogile, ka gonne ga ba itse gore ke mang.

Jesu o ba raya a re: ‘Lo se ka lwa tshoga. Ke nna!’ Le fa go ntse jalo, ba sa ntse ba sa dumele seno. Ka jalo, Petere o mo raya a re: ‘Morena, fa e le gore tota ke wena, nthaya o re ke ralale metsi mme ke tle kwa go wena.’ Jesu o mo raya a re: ‘Tla!’ Ka jalo Petere o tswa mo mokorong mme o tsamaya mo metsing! Le fa go ntse jalo, o a tshoga a bo a simolola go nwela mme Jesu o a mo falotsa.

Moragonyana, Jesu o fepa batho ba le diketekete gape. Mo nakong eno o dira jalo ka dinkgwe di le supa le ditlhapi tse dinnye di le mmalwa. Le mo lekgetlong leno go na le dijo tse di lekaneng batho botlhe. A tsela e Jesu a tlhokomelang batho ka yone ga e itumedise? Fa a setse a busa e le kgosi e e tlhomilweng ke Modimo, ga re kitla re tlhoka go tshwenyega ka sepe!