Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POLELO 97

Jesu o Tla Jaaka Kgosi

Jesu o Tla Jaaka Kgosi

NAKWANA fela fa Jesu a sena go fodisa banna ba difofu ba e leng bakopi, o tla mo motsaneng o o gaufi le Jerusalema. O raya barutwa ba gagwe ba babedi a re: ‘Tsamayang lo ye kwa motseng mme lo tla bona eselana. E gololeng mme lo e tlise kwa go nna.’

Fa esele eno e tlisiwa kwa go ene, Jesu o a e palama. Go tswa foo o ya Jerusalema, e e sekgalanyana go tloga foo. Fa a goroga gaufi le motse, boidiidi jo bogolo jwa batho bo tla go mo kgatlhantsha. Bontsi jwa bone ba apola diaparo tsa bone tsa ka fa ntle ba bo ba di ala mo tseleng. Ba bangwe ba kgaola dikala tsa ditlhare tsa mokolane. Mme le bone ba di baya mo tseleng, mme ba goa ba re: ‘A Modimo a segofatse kgosi e e tlang ka leina la ga Jehofa!’

Bogologolo kwa Iseraele dikgosi tse disha di ne di tsena mo Jerusalema di palame eselana, gore ba ipontshe batho. Ke sone se Jesu a se dirang. Mme batho bano ba bontsha gore ba batla Jesu e nna kgosi ya bone. Le fa go ntse jalo, ga se batho botlhe ba ba mmatlang. Re kgona go bona seno ka se se diregang fa Jesu a tsena kwa tempeleng.

Fa Jesu a le kwa tempeleng o fodisa batho ba ba foufetseng le ba ba golafetseng. Fa bana ba babotlana ba bona seno, ba a goa ba galaletsa Jesu. Seno se galefisa baperesiti, mme ba raya Jesu ba re: ‘A o utlwa se bana bano ba se buang?’

Jesu o ba araba a re: ‘Ee, ke a ba utlwa. A ga lo ise lo bale mo Baebeleng fa go tweng: “Modimo o tla lere pako ka se se tswang mo molomong wa bana ba bannye?”’ Ka jalo, bana ba tswelela ba galaletsa kgosi e e tlhomilweng ke Modimo.

A le rona ga re batle go tshwana le bana bano? Batho bangwe ba ka nna ba leka go re thibela go bua ka bogosi jwa Modimo. Le fa go ntse jalo, re tla tswelela re bolelela ba bangwe ka dilo tse di itumedisang tse Jesu a tla di direlang batho.

E ne e ise e nne nako ya gore Jesu a simolole go busa e le kgosi fa a ne a sa ntse a le mo lefatsheng. Nako eno e tla tla leng? Barutwa ba ga Jesu ba batla go itse. Re tla bala ka seno mo polelong e e latelang.