Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POLELO 99

Mo Phaposing e e Kwa Godimo

Mo Phaposing e e Kwa Godimo

JAANONG ke bosigo jwa Labone, malatsi a le mabedi moragonyana. Jesu le baaposetoloi ba gagwe ba ba 12 ba tlile mo phaposing eno e kgolo e e kwa godimo go tla go ja Tlolaganyo. Monna yo o mmonang a tswa ke Judase Isekariota. O ya go bolelela baperesiti kafa ba ka tshwarang Jesu ka gone.

Letsatsi pele ga moo, Judase o ne a ile kwa go bone mme a ba botsa jaana: ‘Lo tla nnaya eng fa nka lo thusa go tshwara Jesu?’ Ba ne ba mo raya ba re: ‘Dipapetlana tsa selefera di le masome a mararo.’ Ka jalo, Judase o ya go kopana le banna bano gore a tle a ba ise kwa go Jesu. A seno ga se bosetlhogo?

Tlolaganyo e setse e fetile. Mme jaanong Jesu o simolola sejo se sengwe se se kgethegileng. O naya baaposetoloi ba gagwe senkgwe mme a bo a re: ‘Se jeng, ka gonne seno se kaya mmele wa me o o tla ntshediwang lona.’ Go tswa foo o ba naya senwelo sa beine mme a bo a re: ‘E nweng, ka gonne e emela madi a me a a tla tshololelwang lona.’ Baebele e se bitsa ‘sejo sa Morena sa maitseboa’ kgotsa ‘selalelo sa Morena.’

Baiseraele ba ne ba ja Tlolaganyo go ba gakolola nako ya fa moengele wa Modimo a ne a ‘tlolaganya’ matlo a bone kwa Egepeto mme a bolaya maitibolo mo matlong a Baegepeto. Mme jaanong Jesu o batla gore balatedi ba gagwe ba mo gakologelwe ba bo ba gakologelwe le kafa a ba ntsheditseng botshelo jwa gagwe ka gone. Ke ka moo a ba laelang gore ba keteke sejo seno se se kgethegileng ngwaga le ngwaga.

Fa ba sena go ja Sejo sa Morena sa Maitseboa, Jesu o bolelela baaposetoloi ba gagwe gore ba nne pelokgale ba bo ba nonofe mo tumelong. Kwa bofelong, ba opelela Modimo dipina, go tswa foo ba a tsamaya. Go setse go le bosigo thata, gongwe morago ga bosigogare. A re bone gore ba ya kae.