Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POLELO 109

Petere o Etela Korenelio

Petere o Etela Korenelio

MONNA yono yo o emeng ke Petere, mme ba ba emeng mo morago ga gagwe ke dingwe tsa ditsala tsa gagwe. Jaanong ke eng fa monna yono yo mongwe ene a khubame fa pele ga ga Petere? A o tshwanetse go dira jalo? A o itse gore ke mang?

Monna yono ke Korenelio. Ke mookamedi wa masole a Roma. Korenelio ga a itse Petere, le fa go ntse jalo o ne a bolelelwa gore a mo laletse mo ntlong ya gagwe. A re bone gore seno se diregile jang.

Balatedi ba ntlha ba ga Jesu e ne e le Bajuda, mme Korenelio ene ga se Mojuda. Le fa go ntse jalo, o rata Modimo, o a mo rapela e bile o direla batho dilo di le dintsi tsa bopelonomi. Ka jalo, letsatsi lengwe go le thapama moengele o ne a bonala kwa go ene mme a mo raya a re: ‘Modimo o itumetse ka ntlha ya gago, mme o tlile go araba dithapelo tsa gago. Romela banna bangwe ba ye go bitsa monna mongwe yo o bidiwang Petere. O nna kwa Jopa, mo ntlong ya ga Simone yo o nnang go bapa le lewatle.’

Ka yone nako eo Korenelio o romela banna bangwe go ya go batla Petere. Letsatsi le le latelang, fa banna bano ba atamela kwa Jopa, Petere o kwa godimo ga borulelo jwa ntlo ya ga Simone. Fa a le koo, Modimo o dira gore a bone letsela le legolo le fologa le tswa legodimong. Mo go lone go na le diphologolo tse di farologaneng. Go ya ka molao wa Modimo, diphologolo tseno ga di phepa gore di ka jewa, le fa go ntse jalo, lentswe le mo raya le re: ‘Petere, emelela. Tlhaba o je.’

Petere o araba jaana: ‘Nnyaa! Ga ke ise nko ke je sepe se se seng phepa.’ Mme lentswe leo le raya Petere le re: ‘Tlogela go bitsa dilo tse Modimo a di ntlafaditseng o re ga di phepa.’ Seno se diragala ka makgetlo a le mararo. Fa Petere a ntse a ipotsa gore tota seno se ka tswa se raya eng, banna ba ba rometsweng ke Korenelio ba goroga mo ntlong mme ba batla Petere.

Petere o ya kwa boalong jo bo kwa tlase a bo a re: ‘Ke nna monna yo lo mmatlang. Ke ka ntlha yang fa lo tlile kwano?’ Fa banna bano ba mo tlhalosetsa gore moengele o ne a bolelela Korenelio go laletsa Petere mo ntlong ya gagwe, Petere o dumela go tsamaya le bone. Letsatsi le le latelang Petere le ditsala tsa gagwe ba etela Korenelio kwa Kaesarea.

Korenelio o phuthile ba losika lwa gagwe le ditsala tse a atamalaneng le tsone. Fa Petere a goroga, Korenelio o a mo kgatlhantsha. O wela fa fatshe mme o obama fa dinaong tsa ga Petere, jaaka o bona fano. Le fa go ntse jalo, Petere o mo raya a re: ‘Ema, le nna ke motho fela jaaka wena.’ Ee, Baebele e bontsha gore ga go a siama go khubamela motho le go mo obamela. Re tshwanetse go obamela Jehofa fela.

Jaanong Petere o rerela batho bano ba ba phuthegileng. A re: ‘Ke a bona gore Modimo o amogela batho botlhe ba ba batlang go mo direla.’ Mme fa a ntse a bua, Modimo o romela moya wa gagwe o o boitshepo mme batho bano ba simolola go bua dipuo tse di farologaneng. Seno se gakgamatsa barutwa ba Bajuda ba ba tlileng le Petere, ka gonne ba ne ba akanya gore Modimo o amogela Bajuda fela. Ka jalo, seno se ba ruta gore Modimo ga a lebe motho wa lotso lope a le botoka kgotsa a le botlhokwa go gaisa batho ba ditso tse dingwe. A seno ga se selo se se molemo se rotlhe re sa tshwanelang go se lebala?