Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POLELO 107

Setefane o Kgobotlediwa ka Maje

Setefane o Kgobotlediwa ka Maje

MONNA yo o khubameng yono ke Setefane. Ke morutwa yo o ikanyegang wa ga Jesu. Mme jaanong a ko o bone se se mo diragalelang! Banna bano ba mo kgobotletsa ka maje a magolo. Ke ka ntlha yang fa ba tlhoile Setefane mo go kanakana mo ba mo dirang selo se se bosula jaana? A re bone.

Modimo o ntse a thusa Setefane go dira dikgakgamatso tse di kgatlhang. Banna bano ga ba rate seno, ka jalo ba ganetsana le ene ka go bo a ruta batho boammaaruri. Le fa go ntse jalo, Modimo o naya Setefane botlhale jo bogolo, mme Setefane o bontsha banna bano gore dilo tse ba ntseng ba di ruta ke maaka. Ka jalo, ba a mo tshwara mme ba bitsa batho gore ba bue maaka ka ene.

Moperesiti yo mogolo o botsa Setefane jaana: ‘A dilo tseno di boammaaruri?’ Setefane o araba ka go naya puo e e tswang mo Baebeleng. Kwa bofelong jwa yone, o tlhalosa gore mo nakong e e fetileng banna bangwe ba ba bosula ba ne ba tlhoile baporofeti ba ga Jehofa. Go tswa foo, a bo a re: ‘Lo tshwana fela le banna bao. Lo bolaile motlhanka wa Modimo e bong Jesu, e bile ga lo a ikobela melao ya Modimo.’

Seno se galefisa baeteledipele ba bodumedi fela thata! Ba sosobantse difatlhego ka ntlha ya bogale. Le fa go ntse jalo, Setefane o leba kwa godimo a bo a re: ‘Bonang! Ke bona Jesu a eme ka fa seatleng sa moja sa Modimo kwa legodimong.’ Fa a rialo, banna bano ba ithiba ditsebe ka diatla mme ba kgogogela kwa go Setefane. Ba a mo tshwara mme ba mo gogela kwa ntle ga motse.

Fa ba le kwa ntle, ba apola diaparo tsa bone tsa ka fa ntle mme ba di naya lekawana lengwe le le bidiwang Saulo gore a di tlhokomele. A o bona Saulo? Go tswa foo, bangwe ba bone ba simolola go kgobotletsa Setefane ka maje. Setefane o khubama fa fatshe jaaka o bona fano, mme o rapela Modimo a re: ‘Jehofa, o se ka wa ba otlhaela selo seno se se bosula.’ O itse gore bangwe ba bone ba tsieditswe ke baeteledipele ba bodumedi. Morago ga moo, Setefane o a swa.

Fa mongwe a go dira sengwe se se bosula, a o leka go mo utlwisa botlhoko le ene, kgotsa o kopa Modimo gore a mo utlwise botlhoko? Setefane le Jesu ga ba a ka ba dira jalo. Ba ne ba le pelonomi, tota le mo bathong ba ba neng ba sa ba bontshe bopelonomi. A re leke go etsa sekao sa bone.