Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POLELO 114

Go Fela ga Bosula Jotlhe

Go Fela ga Bosula Jotlhe

O BONA eng fano? Masole a a palameng dipitse tse ditshweu. Mme a ko o bone kwa di tswang teng. Dipitse tseno di patakela di tswa legodimong mme di tsamaya mo marung! A tota go na le dipitse kwa legodimong?

Nnyaa, dipitse tseno ga se tsa mmatota. Re itse seno ka gonne dipitse ga di ka ke tsa siana mo marung, a ga go jalo? Le fa go ntse jalo, Baebele e bua ka dipitse kwa legodimong. A o itse gore ke ka ntlha yang fa e bua jalo?

Ke ka gonne dipitse di ne di dirisiwa gantsi mo dintweng. Ka jalo, Baebele e bua ka batho ba ba palameng dipitse, ba ba tswang legodimong go bontsha gore Modimo o tlile go tlhabana le batho mo lefatsheng. A o itse gore lefelo le ntwa eno e tla lwelwang kwa go lone le bidiwang? Haramagedona. Ntwa eo e tla fedisa bosula jotlhe mo lefatsheng.

Jesu ke ene yo o tla etelelang pele mo ntweng eno e e tla lwelwang kwa Haramagedona. Se lebale gore Jesu ke ene yo Jehofa a mo tlhophileng go nna kgosi ya bogosi jwa Gagwe. Ke ka lebaka leo Jesu a rweleng serwalo sa segosi. Mme tšhaka e a e tshotseng e bontsha gore o tla bolaya baba botlhe ba Modimo. A re tshwanetse go gakgamadiwa ke go bo Modimo a tlile go senya batho botlhe ba ba bosula?

Leba kwa morago mo Polelo 10. Ke eng se o se bonang? Morwalela o mogolo o o neng wa senya batho ba ba bosula. Ke mang yo o neng a tlisa morwalela oo? Ke Jehofa Modimo. Jaanong leba mo Polelo 15. Go diragalang foo? Sodoma le Gomora di senngwa ke molelo o Jehofa a o rometseng.

Bula Polelo 33. Bona se se diragalelang dipitse le dikara tsa ntwa tsa Baegepeto. Ke mang yo o dirileng gore metsi a tle mme a di khurumetse? Ke Jehofa. O ne a dira jalo gore a sireletse batho ba gagwe. Leba le Polelo 76. Le mo setshwantshong seno o tla bona gore Jehofa o ne a letla batho ba gagwe, e bong Baiseraele gore ba senngwe ka ntlha ya bosula jo ba neng ba bo dira.

Ka jalo, ga re a tshwanela go gakgamala gore Jehofa o tla romela mophato wa gagwe o o tswang legodimong gore o fedise bosula jotlhe mo lefatsheng. Mme o akanya gore seno se tla bo se kaya eng? Bula tsebe e e latelang mme re bone.