Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Matseno

Matseno

DIPOLELO tse di mo bukeng eno di boammaaruri. Di tserwe mo bukeng e kgolo go di gaisa tsotlhe mo lefatsheng, e leng Baebele. Dipolelo tseno di tlhalosa hisitori ya lefatshe go tloga fa Modimo a simolola go bopa go fitlha ka dilo tse di diregang mo motlheng wa rona. Gape di tlhalosa se Modimo a solofetsang go se dira mo nakong e e tlang.

Buka eno e go thusa go itse gore tota Baebele e tshwere eng. E go tlhalosetsa ka batho ba ba mo Baebeleng le dilo tse ba neng ba di dira. Gape e tlhalosa ka tsholofetso e e itumedisang thata ya botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise le Modimo a le neileng batho.

Buka eno e na le dipolelo di le 116. Di kgaogantswe ka dikarolo di le robedi. Tsebe e e simololang karolo nngwe le nngwe e tlhalosa ka bokhutshwane se se buiwang mo karolong eo. Dipolelo tseno di kwadilwe go ya kafa ditiragalo tseo di latelanang ka teng. Seno se go thusa go ithuta gore ditiragalo dingwe di diregile leng mo hisitoring.

Dipolelo tseno di kwadilwe ka puo e e ka tlhaloganngwang motlhofo. Bontsi jwa lona bana lo tla kgona go ipalela yone. Lona batsadi lo tla lemoga gore bana ba bannye ba tla itumelela gore lo ba balele dipolelo tseno gantsintsi. Lo tla lemoga gore buka eno e na le dilo di le dintsi tse di ka kgatlhegelwang ke bana le bagolo.

Kwa bofelong jwa polelo nngwe le nngwe go na le ditemana tsa Baebele. Lo kgothalediwa go bala ditemana tseno tsa Baebele tse dipolelo tseno di tswang mo go tsone.