Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 10

Fetofetola Modumo wa Lentswe

Fetofetola Modumo wa Lentswe

Diane 8:4, 7

KGANGKGOLO: Bua dintlha tsa gago ka tsela e e utlwalang mme o ame maikutlo a bareetsi ka go fetola modumo le segalo sa lentswe le lobelo lo o buang ka lone.

KAFA O KA DIRANG SEO KA GONE:

  • Fetola modumo wa lentswe. Tlhatlosa lentswe gore o gatelele dintlha tsa botlhokwa le go tlhotlheletsa bareetsi. Dira jalo le fa o bala ditemana tse di buang ka molaetsa wa katlholo. Diga lentswe go dira gore bareetsi ba eletse go utlwa mo go oketsegileng, go bontsha letshogo kgotsa go tlhobaela.

  • Fetola segalo sa lentswe. Fa e le gore go tlwaelegile mo puong ya lona, tlhatlosa segalo sa lentswe go bontsha matlhagatlhaga kgotsa fa o tlhalosa selekanyo kgotsa sekgala. Fokotsa segalo sa lentswe go bontsha go hutsafala kgotsa go tlhobaela.

  • Fetola lobelo. Bua ka bonako go bontsha boitumelo. Fokotsa lobelo fa o bua dintlha tsa botlhokwa.