Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 14

Tlhomolola Dintlha Tsa Botlhokwa

Tlhomolola Dintlha Tsa Botlhokwa

Bahebera 8:1

KGANGKGOLO: Thusa bareetsi go tsamaisana le wena fa o ntse o tsweletse ka puo gape o dire gore dintlha tsa botlhokwa di tsamaisane le setlhogo sa puo.

KAFA O KA DIRANG SEO KA GONE:

  • Itse boikaelelo jwa puo ya gago. Leka go lemoga gore a boikaelelo jwa puo ya gago ke go ruta, go tlhatswa bareetsi pelo kgotsa go ba kgothatsa. Go tswa foo, e baakanyetse o akantse ka dintlha tseo. Dirisa dintlha tsa botlhokwa tsotlhe go fitlhelela boikaelelo jwa puo ya gago.

  • Gatelela setlhogo sa puo. Fa o ntse o tsweletse ka puo ya gago, nna o umaka setlhogo sa puo ka go boaboeletsa mafoko a konokono a setlhogo kgotsa ka go dirisa makaelagongwe.

  • Dira gore dintlha tsa botlhokwa di utlwale sentle. Tlhopha fela dintlha tsa botlhokwa tse di tsamaisanang le setlhogo sa gago, tse o tla kgonang go di ruta mo nakong e o e abetsweng. O se ka wa dirisa dintlha tsa botlhokwa tse dintsi, umaka ntlha nngwe le nngwe ya botlhokwa ka tsela e e utlwalang sentle, o tla o didimala go se kae gore go utlwale fa o tswa mo ntlheng e nngwe ya botlhokwa o ya kwa go e nngwe.