Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 15

Bua o Tlhatswegile Pelo

Bua o Tlhatswegile Pelo

1 Bathesalonika 1:5

KGANGKGOLO: Bontsha gore o dumela gore se o se buang se boammaaruri le gore se botlhokwa.

KAFA O KA DIRANG SEO KA GONE:

  • Baakanyetsa sentle. Bala dikgatiso tse di buang ka setlhogo sa puo ya gago go fitlha o tlhaloganya gore dintlha tsa konokono ke dife le gore Baebele e bontsha jang gore di boammaaruri. Leka go tlhalosa dintlha tsa konokono o dirisa mafoko a a tlhaloganngwang motlhofo. Ipotse gore dintlha tseo di ka thusa bareetsi jang mme o rapelele moya o o boitshepo.

  • Dirisa mafoko a a bontshang gore o tlhatswegile pelo. Go na le go bua se se kwadilweng mo kgatisong fela jaaka se ntse, dirisa mafoko a gago. Bua ka tsela e e bontshang gore o tlhatswegile pelo ka se o se buang.

  • Bua go tswa pelong. O se ka wa buela kwa godimo kgotsa kwa tlase. Leba bareetsi mo matlhong fa e le gore go dira jalo ga go kitla go ba kgopisa.