Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 16

Kgothatsa Bareetsi e Bile o ba Age

Kgothatsa Bareetsi e Bile o ba Age

Jobe 16:5

KGANGKGOLO: O se ka wa bua thata ka dilo tse di tla kgobang bareetsi marapo, go na le moo, tlhoma mogopolo mo dilong tse di tla ba kgothatsang.

KAFA O KA DIRANG SEO KA GONE:

  • Nna le boikutlo jo bo siameng ka bareetsi. Tlhomamisega gore Bakeresetemmogo le wena ba batla go itumedisa Jehofa. Fa o tlhoka go ba naya kgakololo, simolola ka go ba akgola fa go kgonega.

  • O se ka wa bua thata ka dilo tse di kgobang marapo. O ka umaka dikgang tse di sa itumediseng fa fela di thusa bareetsi go tlhaloganya dintlha dingwe mo puong ya gago. Puo ya gago e tshwanetse go kgothatsa bareetsi.

  • Dirisa Lefoko la Modimo ka botlalo. Tlhoma mogopolo mo go se Jehofa a se dirileng mo nakong e e fetileng, se a se dirang gone jaanong le se a tla se direlang batho mo nakong e e tlang. Kgothatsa bareetsi ba gago.