Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 20

Konelo e e Molemo

Konelo e e Molemo

Moreri 12:13, 14

KGANGKGOLO: Fa puo ya gago e ya kwa bokhutlong, thusa bareetsi go amogela se o se buang le go se dirisa.

KAFA O KA DIRANG SEO KA GONE:

  • Dira gore konelo e tsamaisane le setlhogo sa puo. Boeletsa dintlha tsa botlhokwa le setlhogo.

  • Rotloetsa bareetsi. Bontsha bareetsi gore ba dire eng le go ba tlhalosetsa mabaka a a utlwalang a go dira jalo. Bua ka tsela e e bontshang gore o dumela se o se buang le gore se botlhokwa.

  • A konelo ya gago e nne motlhofo e bile e nne khutshwane. O se ka wa bua dintlha tse dingwe tse disha. Dirisa mafoko a makhutshwane a a ka tlhotlheletsang batho gore ba tseye kgato.