Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 4

Buelela Temana Pele o e Bala

Buelela Temana Pele o e Bala

Mathaio 22:41-45

KGANGKGOLO: Baakanya megopolo ya bareetsi pele o bala temana.

KAFA O KA DIRANG SEO KA GONE:

  • Akanya ka lebaka la go bo o bala temana. Pele o bala temana, dira gore bareetsi ba bone ntlha e o batlang go e tlhalosa mo temaneng eo.

  • Bontsha gore se o se buang se tswa mo Baebeleng. Fa o bua le batho ba ba dumelang mo Modimong, ba bontshe gore Baebele ke Lefoko la Modimo. Fa o dira jalo o tla bo o bontsha gore ke yone fela e ka re thusang go nna botlhale.

  • Dira gore bareetsi ba kgatlhegele temana e o e balang. Botsa potso e temana eo e tla e arabang, umaka bothata jo temana eo e tla bo rarabololang kgotsa umaka molaomotheo o temana eo e tla thusang bareetsi go o tlhaloganya.